1 Timothy 2:1-15 TSW1908 - Bible AI

1Ke gone, sa ntlha ke laya gore, a mekokotlelo, le merapelo, le merapelelo, le malebogo, a direlwe batho botlhe.

2A a direlwe dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo; gore re ke re tshele mo boiketlong le mo tidimalong ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.

3Golo mo go molemo, go bile go a lebosega mo matlhong a Modimo Moreboloki;

4o o ratang gore batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.

5Gonne go Modimo o le mongwe fela, go bile go motsereganyi le ene a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi,

6e bong Keresete Jesu, yo o intshitseng go nna thekololo ya botlhe; e le tshupo e e tlaa supiwang mo metlheng ya yone;

7e ke laoletsweng go nna moreri le moaposetole wa yone, moruti wa Baditšhaba mo tumelong le mo boammaaruring – ke bua boammaaruri, ga ke ake.

8Ke gone, ke eletsa gore banna ba rapele mo felong gongwe le gongwe ba tsholeditse mabogo a a itshepileng, ka mo go se nang bogale le kgang.

9Le gone fela jalo, gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi, ba le bori le tekano; ba se ka ba ikgabisa ka go iphora moriri loetse, kgotsa ka gouta, kgotsa ka diperela, kgotsa ka diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo;

10mme a e nne ka ditiro tse di molemo – e le mo go tshwanetseng basadi ba ba ipalang ka poifomodimo.

11A mosadi a ithute mo tidimalong ka boineelo jotlhe.

12Ga ke leseletse mosadi go ruta, le fa e le go dira le taolo mo monneng, fa e se go nna mo tidimalong fela.

13Gonne Atame o bopilwe pele, mme Efa kwa morago;

14Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi e rile ka a tsieditswe a wela mo tlolong;

15mme o tlaa bolokwa ka pelego, fa ba tswelela mo tumelong, le mo loratong, le mo boitshepisong ka boikgapo.

e>