Deuteronomy 22:1-30 TSW1908 - Bible AI

1“O se ka wa re o bona kgomo ya wa gaeno, kgotsa nku ya gagwe e timela wa di itshosobegela, ruri, o di busetse kwa go wa gaeno.

2Fa wa gaeno a se gaufi nao, kgotsa fa o sa mo itse, foo o e ise kwa ga gago, e nne nao go tsamaya wa gaeno a tla go e batla, mme o e mo rebolele.

3O dire jalo le ka esela ya gagwe, o dire jalo le ka seaparo sa gagwe, o dire jalo ka sengwe le sengwe se se latlhegileng sa wa gaeno, se se mo latlhegetseng mme wa se bega; ga o kake wa di itshosobegela.

4“O se ka wa re o bona esela, le fa e le kgomo ya wa gaeno e ole mo tseleng, wa di itshosobegela; ruri o mo thuse go ba a di tsosa gape.

5“Mosadi a a se apare senna, le monna a se apare sesadi; gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o moila mo go Jehofa Modimo wa gago.

6“Fa o tshogana ka setlhaga sa nonyane se le fa pele ga gago mo tseleng, mo setlhareng sengwe kgotsa fa fatshe, se na le mamphorwana kgotsa mae, mmaa one a elame mo mamphorwaneng kgotsa mo maeng, o se ka wa tsaya mamphorwana le mmaao.

7Le gale o lese mmaao a tsamaye, mme o ka itseela mamphorwana; gore go tle go nne sentle nao, le gore o lelefatse malatsi a gago.

8“E re fa o aga ntlo e ntšha, foo o thekeletse bopapetla jwa yone kwa godimo go kganela, gore o tle o se ka wa leretse ntlo ya gago madi fa motho mongwe a wa mo go yone.

9“O se ka wa jala dipeopeo mo tshimong ya gago ya mafine; loungo lotlhe lo ka tla lwa latlhega, e bong peo e o e jadileng le totafalo ya tshimo ya mafine.

10“O se ka wa lema ka kgomo e pataganye le esela.

11“O se ka wa apara letsela le le tlhakantseng bobowa le leloba mmogo.

12“O itirele makantsa mo dintlheng tsoo nne tsa seaparo sa gago se o ipipang ka sone.

13“Fa monna mongwe a tsaya mosadi, a tsena kwa go ene, mme a mo ila,

14a mmaya molato wa dilo tse di tlhabisang ditlhong, a mo tsosetsa leina le le bosula, a re: ‘Ka tsaya mosadi yo, ke rile ke mo atamela ka se ka ka fitlhela mo go ene ditshupo tsa bokgarebane;’

15foo rra mosetsana le mmaagwe a ba ise ditshupo tsa bokgaresbane jwa mosetsana kwa bagolwaneng ba motse kwa kgotleng ya motse.

16Rra mosetsana a reye bagolwane a re: ‘Morwadiake ke mo neile monna yo go nna mosadi, jaanong o a mo ila.

17Bonang o mmeile molato wa dilo tsa botlhabisa ditlhong, a re: Ga ke a ka ka fitlhela ditshupo tsa bokgarebana mo go morwadio; le fa go ntse jalo ditshupo tsa bokgarebane jwa morwadiake ke tse.’ Ba phutholole seaparo fa pele ga bagolwane ba motse.

18Bagolwane ba motse oo ba tseye monna ba mmetse;

19ba mo lefise diselefera di le lekgolo, ba di neye rra mosetsana, ka a tsoseditse kgarebane nngwe ya Iseraele leina le le bosula, mme a a nne mosadi wa gagwe fela; ga a kake a mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe.

20“Mme e re fa selo se e le boammaaruri, gore ditshupo tsa bokgarebane ga di a ka tsa fitlhelwa mo mosetsaneng,

21foo ba ntshetse mosetsana kwa mojakong wa ntlo ya ga rraagwe, mme banna ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka maje, a swe, ka a dirile bosilo mo Iseraele, a dirile boaka mo ntlong ya ga rraagwe. Jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago.

22“Fa monna a fitlhelwea a lala le mosadi yo o nyetsweng ke monna yo mongwe, foo ba swe boo babedi, monna yo o letseng le mosadi, le ene mosadi; jalo o tlaa bo o tlosa busola mo go Iseraele.

23“Fa go le mosetsana yo o leng kgarebane, a beeletswe ke monna, mme monna mongwe a mo fitlhela mo motseng, mme a lala nae;

24foo lo ba ntshetse kwa kgotleng ya motse boo babedi, lo ba kgobotletse ka maje ba swe; mosetsana, ka a se ka a kua, a le mo motseng; le monna, ka a sentse mosadi wa monna wa ga gabo, jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago.

25“Mme fa monna a fitlhela mosetsana kwa nageng e le yo o beeletsweng, mme monna a mmetelela ka thata, a lala nae, foo monna yo o letseng nae a swe a le esi.

26Mme mosetsana o se ka wa mo dire sepe; mo go mosetsana ga go na boleo jo bo tshwanetsweng loso; gonne jaaka monna a tsogologela wa ga gabo a mmolaya, le yone tiro eo e ntse jalo;

27gonne o ne a mo fitlhela kwa nageng, mosetsana yo o beeletsweng o ne a kua, mme go ne go se na ope yo o ka mo gololang.

28“Fa monna a fitlhela mosetsana yo o leng kagarebane, yo o sa beelelwang, mme a mo tshwara, a lala nae, mme ba bonwa,

29foo monna yo o letseng nae, a a neye rra mosetsana dipapetla di le 50 tsa selefera, mme a nne mosadi wa gagwe, ka a mo sentse; ga a kake a mo tlhala ka malatsi otlhe a gagwe.

30“Monna a a se nyale mogatsa rraagwe, le gone a a se bopolole lotheka lwa ga rraagwe.

icle>