Hosea 6:1-11 TSW1908 - Bible AI

1“Ntlong, re boeleng kwa go Jehofa; gonne o gagotse, mme o tlaa fodisa; o iteile, mme o tlaa re fapa.

2E tlaa re malatsi a le mabedi a sena go feta a re rudise; mo tsatsing la boraro a re kakatlolole, mme re tlaa tshela fa pele ga gagwe.

3A re itseng, re lateleleng go itse Jehofa; go tswa ga gagwe go tlhomame jaaka moso; mme o tlaa tla mo go rona jaaka pula, jaaka pula ya kgogolammoko e e nosang lefatshe.”

4“Wena Eferaime, ke tlaa go dirang? Wena Juta, ke tlaa go dira eng? Gonne molemo wa lona o ntse jaaka leru la ka moso, le jaaka monyo o o tleng o phakele o tloge.

5Ke gone ka moo ke ba remileng ka baperofeti; ke ba bolaile ka mafoko a molomo wa me; mme ditshekiso tsa gago di ntse jaaka lesedi le le tlhakalalang.

6Gonne ke eletsa boutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo; le go itse Modimo bogolo go ditshupelo tse di fisiwang.

7“Mme bone ba editse Atame, ba tlodile kgolagano, ba ntiretse ka bonongwane gone.

8Gileate ke motse wa ba ba dirang boikepo, o mathegetsweng ke madi.

9Le jaaka ditlhopha tsa dinokwane di tle di lalele motho, lesomo la baperesiti le bolaya batho jalo mo tseleng e e yang Shekeme; ee, ba dirile mo go botlhodi.

10Mo ntlong ya Baiseraele ke bonye sengwe se se tsitlisang marapo; boaka bo fitlhetswe teng mo go ba Eferaime, ba Iseraele ba leswefetse.

11“Gape, wena Juta o laoletswe thobo, mogang ke busang botshwaro jwa batho ba me.

Bible Society of South Africa, 1908
div>