Isaiah 12:1-6 TSW1908 - Bible AI

1E tlaa re mo letsatsing leo o tlaa re: “Ke tlaa go ntshetsa malebogo Morena; gonne le fa o kile wa nna bogale le nna, bogale jwa gago bo boile, mme o ntse wa nkgomotsa.

2“Bonang, Modimo ke poloka ya me, ke tlaa ikanya fela, ga nketla ke boifa; gonne Jehofa Modimo ke thata ya me, le sefela sa me, mme o diregile poloka ya me.”

3Ke gone ka moo lo tlaa gang metsi ka boitumelo mo didibeng tsa poloka.

4Mme lo tlaa bua mo letsatsing leo, lo re: “Ntshetsang Jehofa malebogo, bitsang leina la gagwe, kakanyang ditirotiro tsa gagwe mo ditšhabeng, umakang, go re, leina la gagwe le goletsegile.

5Opelelang Jehofa; gonne o dirile dilo tse di gaisang; mo, a go itsiwe mo lefatsheng lotlhe.

6Kuela godimo, o goe, wena monni wa Sione; gonne go mogolo moitshepi wa Iseraele mo gare ga gago.”

Bible Society of South Africa, 1908
/div>