1“Fologa, o dule mo loroleng, wena kgarebane morwadia Babilone; dula fa fatshe o se na setulo sa bogosi, wena morwadia Bakalatea; gonne ga o ketla o tlhola o bidiwa seetlaetlana le tlekeetso.
2Tsaya ditwala o sile boupe; tlosa sesiro sa gago, kgekgetholola ditlhaya tsa mosese, apola lekoto, o gobue dinoka.
3Bosaikategang jwa gago bo tlaa bipologa, ee, ditlhong tsa gago di tlaa bonala; ke tlaa lefetsa, mme ga nketla ke amogela motho ope.”
4Morekolodi wa rona, Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe, Moitshepi wa Iseraele.
5“Nna fa fatshe o didimale, o bo o ikele mo lefifing, wena morwadia Bakalatea; gonne ga o ketla o tlhola o bidiwa Mohumagadi wa magosi.
6Ke ne ke galefetse batho ba me, ka tlhapatsa boswa jwa me, mme ka ba tsenya mo seatleng sa gago; ga o a ka wa nna kutlwelobotlhoko mo go bone; mme ba ba tsofetseng o ba beile jokwe ya gago wa e imafatsa mo go bone.
7Wa re: ‘Ke tlaa nna mohumagadi ka bosakhutleng;’ jalo ga o a ka wa baya dilo tse mo pelong ya gago, le fa e le go gakologelwa bokhutlo jwa tsone.
8“Ke gone jaana, utlwa se, wena yo o ineetseng mo dikgatlhegong fela, o agile fela o sa re sepe, wena yo o ithayang mo pelong, o re: ‘Ke nna, mme ga go na ope o sele fa e se nna; ga nketla ke nna ke le motlholagadi le fa e le go itse go latlhegelwa ke bana.’
9Dilo tse tsoo pedi di tlaa go tlela ka bofetshwana ka letsatsi le lengwe fela, go latlhegelwa ke bana le botlholagadi; di tlaa go wela ka botlalo jwa tsone, fa gare ga bontsintsi jwa ditoo tsa gago, le fa gare ga letlotlo la mereo ya gago.
10Gonne o ntse o ikantse boikepo jwa gago; o rile: ‘Ga go ope yo o mponang;’ botlhale jwa gago le kitso ya gago di go fapositse; mme o itheile mo pelong, wa re: ‘Ke nna, mme ga go na ope o sele fa e se nna fela.’
11Ke gone ka moo bosula bo tlaa go tlelang, mme ga o ketla o itse bophepa jwa lone; le bosenye bo tlaa go wela; o tlaa retelelwa ke go bo ikgofa; le tshwafalo e o sa e itseng e tlaa go tlela ka tshoganetso.
12Ema jaana ka mereo ya gago, le bontsi jwa ditoo tsa gago, e le dilo tse o sa leng o itapisa ka tsone le mo bokaung jwa gago; ya tla ya re gongwe wa bona thuso, e ka tla ya re gongwe wa fenya.
13O kgobegile mo bontsing jwa dikgakololo tsa gago; a balomologanyi ba magodimo, le balepi ba dinaledi, le baboledi ba ditirafalo tsa dikgwedi ba eme, a ba go dibele mo dilong tse di tlaa tlang mo go wena.
14Bonang, ba tlaa nna jaaka dirine fela; molelo o tlaa ba fisa; ga ba ketla ba ikgolola mo thateng ya kgabo; ga e ketla e nna legala le le orwang, le fa e le molelo o go ka tlhorangwang fa go one.
15Dilo tse o ntseng o itapisa ka tsone di tlaa nna jalo mo go wena; ba ba sa leng ba bapala nao mo bokaung jwa gago, mongwe le mongwe o tlaa ikailela kwa ga gagwe; ga go ketla go nna le ope yo o go bolokang.”