Isaiah 54:1-17 TSW1908 - Bible AI

1“Opela wena moopa, wena yo o iseng o bone ngwana; ponyega ka sefela, o goe thata, wena yo o iseng o nne mo pelegong; gonne go bantsi bana ba yo o lore, go feta ba mosadi yo o nyetsweng;” go bua Jehofa.

2“Katolosa bonno jwa mogope wa gago; a ba ngamole meraro ya manno a gago; se rekegele; lelefatsa megala ya gago, o thatafatse dimapo tsa gago.

3Gonne o tlaa anamelela ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, le ka fa go la molema; mme losika lwa gago lo tlaa rua merafe; lo tlaa agisa batho mo metseng e e ropafetseng.

4O se ka wa boifa; gonne ga o ketla o tlhajwa ke ditlhong; le gone o se ka wa sosobagana, gonne ga o ketla o tlhabisiwa ditlhong; gonne o tlaa lebala ditlhong tsa borweetsana jwa gago, le go kgojwa ga botlholagadi jwa gago ga o ketla o tlhola o go gakologelwa gope.

5Gonne Modiri wa gago ke ene monna wa gago; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe; le Moitshepi wa Iseraele ke ene Morekolodi wa gago; o tlaa bidiwa Modimo wa lefatshe lotlhe.

6Gonne Jehofa o go biditse jaaka mosadi yo o tlhadilweng a tlhokofetse mo moweng, e bong mosadi wa moroba fa a latlhilwe,” go bua Modimo wa gago.

7“Ke go tlhadile ka lobakanyana fela; mme ke tlaa go phutha ka mautlwelobotlhoko a magolo.

8Ka go subela sefatlhogo sa me ka lobakanyana fela, ka kgalefo e e belologang; mme ke tlaa go utlwela botlhoko ka pelonomi e e sa khutleng,” go bua Jehofa Morekolodi wa gago.

9“Gonne selo se, se ntse jaaka metsi a ga Noa mo go nna; gonne jaaka ke ikanne fa metsi a ga Noa a se ketla a tlhola a hupetsa lefatshe, ke ikanne jalo fa ke se ketla ke go galefela le fa e le go go kgalemela.

10Gonne dithaba di ka tloga le makhubu a katosiwa; mme pelonomi ya me ga e ketla e tloga mo go wena, le fa e le kgolagano ya me ya kagiso go katoga mo go wena,” go bua Jehofa yo o go utlwelang botlhoko.

11“Ao! Wena mmogisiwa yo o petupetugisiwang ke matsubutsubu a phefo, mme o sa gomodiwe; bona ke tlaa rulaganya maje a gago ka mebala e mentle, ke tlaa thaya metheo ya gago ka maje a sedumedi, (safire.)

12Ke tlaa dira mejakwana ya diiponi ka majana a mahibitswana, (rube,) le mejako ya gago ya majana a mahibidu, (karebunekele,) le molelwane otlhe wa gago ka maje a mantle.

13Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo.

14O tlaa tlhomamisiwa mo tshiamong; o tlaa nna kgakala le patiko, gonne ga o ketla o boifa; o tlaa nna kgakala le therego, gonne ga e ketla e go atamela.

15Bona, ba ka phuthega, mme e seng ka nna; le fa e le bomang ba ba tlaa go phuthegelang ba tlaa wa ka ntlha ya gago.

16Bona, ke nna ke tlhodileng mothudi, yo o ubelang molelo wa magala, a ntshe sebolao ka fa tirong ya sone; ke bile ke tlhodile mokgakgabatsi go tla a senya.

17Ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka ga gago se se tlaa segofalang; le loleme longwe le longwe lo lo tlaa go tsogelang mo tshekong, o tlaa lo sekisa. Selo se, ke boswa jwa batlhanka ba Jehofa, le tshiamo ya bone e e tswang mo go nna.” Go bua Jehofa.