Job 11:1-20 TSW1908 - Bible AI

1Foo ga fetola Sofare wa Monaamathe, a re:

2“A bontsi jwa mafoko a ga bo a tshwanela go fetolwa, a monna yo o sephoko o tshwanetse go siamisiwa?

3A maipelafatso a gago a tshwanetse go khutlisa banna go bua? Fa o sotla, a ga go motho ope yo o tlaa go tlhabisang ditlhong?

4Gonne o ithaya o re: ‘Tumelo ya me e itshekile, ke montle mo matlhong a gago.’

5A bo Modimo o ka ka wa bua, wa go tumololela dipounama tsa one;

6le gore o go supetse maoma a botlhale fa bo le maranyane mo go digeleng go dira. Ke gone itse fa Modimo o go lefetse ka thata mo go botlana bogolo go tshwanelo ya boikepo jwa gago.

7A o ka lemoga Modimo ka go kheleisa? A o ka lemoga Mothatayotlhe ka botlalo?

8Go godimo jaaka legodimo; o ka dirang? Go boteng go feta Bobipo; o ka itseng?

9Selekanyo sa gone se feta lefatshe ka boleele, se feta lewatle ka boatlhamo.

10Fa o tshwara motho, o mo tswalela, mme o mmiletsa tshekong, foo e mang yo o ka o kganelang?

11Gonne o itse banna ba boithamako; le boikepo o a bo bona, le fa ekete ga o bo tlhokomele.

12Motho a le boithamako ga a na tlhaloganyo; ee, motho o tsalwa jaaka eselana ya esela ya naga fela.

13“Fa o baakanya pelo sentle, o otlolela diatla tsa gago kwa go one;

14fa boikepo bo le mo seatleng sa gago, o bo lelekele kwa kgakala, mme a tshiamololo e se ka ya aga mo megopeng ya gago;

15foo ruri o tlaa tsholetsa sefatlhogo sa gago se sena setshubaba; ee, o tlaa tsepama, mme o se ke o boife;

16gonne o tlaa lebala matladika a gago; o tlaa a gakologelwa jaaka metsi a a kgophogetseng koo.

17Le botshelo jwa gago bo tlaa nna phepha bogolo go motshegare; le fa go le lefifi, le tlaa nna jaaka moso fela.

18O tlaa nna thagamong, ka go na le tsholofelo; ee, o tlaa keleka tikologong ya gago, mme o tlaa ikhutsa mo polokegong.

19Le gone o tlaa itelega, mme ga go na ope yo o tlaa go boifisang; ee, batho ba le bantsi ba tlaa tla go lopa mo go wena.

20Mme matlho a baikepi a tlaa kalega, mme ga ba ketla ba nna le tsela ya botshabelo, le tsholofelo ya bone e tlaa bo e le go swa fela.”

Bible Society of South Africa, 1908
iv>