Job 18:1-21 TSW1908 - Bible AI

1Foo ga fetola Biletate wa Mosuhe a re:

2“Lo tlaa tsoma mafoko ka lobaka lo lokae? Akanyang, mme re tlaa bua kwa morago.

3Ke ka ntlha yang fa re kaiwa jaaka dikgomo, re bile re fetogile re ntse maswe mo ponong ya lona?

4Wena yo o ikgagolang mo bogaleng jwa gago, a lefatshe le tlaa latlhwa ka ntlha ya gago, kgotsa lefika le tlosiwa mo bonnong jwa lone?

5Ee, lesedi la moikepi le tlaa tingwa, le tlhase ya molelo wa gagwe ga e ketla e phatsima.

6Lesedi le tlaa nna lefifi mo mogopeng wa gagwe, le lampa ya gagwe mo godimo ga gagwe e tlaa tingwa.

7Dikgato tsa thata ya gagwe di tlaa pitlaganngwa, le kgakololo ya gagwe ka esi e tlaa mo diga.

8Gonne o latlhelwa mo lotloeng ke dinao tsa gagwe, o sepela mo dithapong.

9Seru se tlaa mo tshwara ka serethe, mme segwe se tlaa mo tshegetsa.

10Segole o se fitlhetswe mo mmung, le mogotlha mo tseleng.

11Ditheregiso di tlaa mmoifisa mo ntlheng tsotlhe, di mo gata direthe.

12Nonofo ya gagwe e tlaa jewa ke tlala, tatlhego e tlaa lalela go tlhotsa ga gagwe.

13E tlaa ja e swetsa ditokololo tsa mmele wa gagwe; ee, motsalwapele wa loso o tlaa ja ditokololo tsa gagwe.

14O tlaa khumolwa mo mogopeng wa gagwe o o ikanyang mo go one; o tlaa isiwa kwa kgosing ya ditheregiso.

15Mo mogopeng wa gagwe go tlaa aga se e seng sa gagwe gope; sulefera se tlaa gasiwa mo boagong jwa gagwe.

16Medi ya gagwe e tlaa omelela kwa tlase, kwa godimo kala ya gagwe e tlaa kgaolwa.

17Kgakologelo ya gagwe e tlaa nyelela mo lefatsheng, mme ga a ketla a dira le leina lepe mo mmileng.

18O tlaa ntshiwa mo leseding, a lelekelwa mo lefifing, a alolwa, a tswa mo lefatsheng.

19Ga a ketla a nna le morwawe, kgotsa morwa morwawe mo bathong ba ga gabo, le fa e le a le mongwe fela yo o tlaa salang kwa o ne a jaka teng.

20Ba ba tlang morago ba tlaa gakgamalela letsatsi la gagwe, jaaka ba ba kileng ba nna pele ba ne ba tshwarwa ke poifo.

21Ruri maago a ba ba sa siamang a bo a ntse jalo, mme jo ke jone bonno jwa monna yo o sa itseng Modimo.”

Bible Society of South Africa, 1908
iv>