Job 23:1-17 TSW1908 - Bible AI

1Foo Jobe a fetola a re:

2“Le gompieno boitoko jwa me bo galakegile; titeo ya me e boima bogolo go go dumaduma ga me.

3A bo ke ka bo ke itse kwa ke ka o fitlhelang teng, gore ke ke ke ye fela kwa sennong sa one!

4Ke ne ke tlaa rulaganya mafoko a me fa pele ga one, ke tlatsa molomo wa me ka diphetolano.

5Ke ne ke tlaa itse mafoko a o tlaa mphetolang ka one, ke tlhaloganya se o tlaa se buang le nna.

6A o ne o tlaa ganela le nna ka bogolo jwa nonofo ya one? Nnyaa, o ne o tlaa ntlhokomela.

7Foo mothokgami o ne a tlaa tseisanya kgang nao; jalo ke ne ke tlaa gololwa ka bosakhutleng mo moatlhoding wa me.

8Bona, ke tle ke ye kwa pele, mme ga o gone; le kwa morago, mme ga nkake ka o lemoga;

9le ka fa go la molema, mogang o dirang tiro, mme ke retelelwe ke go o bona; o itshube ka fa ntlheng ya le legolo, ke be ke retelelwe ke go o bona.

10O itse tsela e ke e tsayang; e tlaa re o sena go nteka, ke tswe jaaka gouta.

11Lonao lwa me lo tshwaretse ruri dikgato tsa one; ke tseetse ruri tsela ya one ke sa e fapoge.

12Ga ke a boa mo ditaolong tsa dipounama tsa one; ke bolokile mafoko a molomo wa one bogolo go dijo tse ke tshelang ka tsone.

13One o na le boitlhomo bo le bongwe fela, mme e mang yo o ka o faposang? Se mowa wa one o se eletsang, o dira sone fela.

14Gonne o dirafatsa se ke se laoletsweng; dilo di le dintsi tse di ntseng jalo o na natso.

15Ke gone ka moo ke huduiwang ke sebonalo sa one; ke re ke akanya, ke be ke o boife.

16Gonne Modimo o idibaditse pelo ya me, Mothatayotlhe o mphuduile;

17Ka gobo ke se ka ka kgaolwa pele ga lefifi, le gone ga o a ka wa sirela sefatlhogo sa me lefifi le lentsho.

Bible Society of South Africa, 1908
iv>