Job 28:1-28 TSW1908 - Bible AI

1“Ruri go na le motlobo wa selefera, le felo ga gouta e ba e itshekisang.

2Tshipi e ntshiwa mo mmung, le kgotlho e ntshiwa mo boraleng ka go tlhapolosiwa.

3Motho o anola lefifi, a kheleisetse kwa molelwaneng wa bofelo, a senka maje a lefifi le lentsho le a moriti wa loso.

4Ba tle ba phunyetse morafo kgakala le kwa batho ba ntseng gone; ba lebalwe ke lonao lwa mofeti, ba lepelele ba le kgakala le batho, ba akgaakgegele kwa le kwa.

5Ka ga lefatshe dijo di tswa mo go lone; le huhumelwe le pitikololwe jaaka ekete ka molelo.

6Maje a lone ke felo ga majana a disafira, mme go bapalwe dikgolokwe tsa gouta.

7Tsela eo ga e itsiwe ke letlaka lepe, le leitlho la malelakokwane ga le ise le e bone;

8dibatana tse di kokorogang ga di ise di e gate, le tau e e bogale ga e ise e fete ka gone.

9O ntshetsa seatla mo lefikeng le le legweka; a pitikolole dithaba kwa meding.

10A arole mesima mo gare ga mafika, leitlho la gagwe le bone sengwe le sengwe se se tlhokegang.

11O thiba dikelelo gore di se rothe; se se subegileng a se ntshetse kwa leseding.

12Ana mme botlhale jone bo tlaa bonwa kae? Le felo ga tlhaloganyo ke kae?

13Motho ga a itse tlhwatlhwa ya lone, le gone ga bo bonwe mo lefatsheng la batshedi.

14Boteng bo a re: ‘Ga bo yo mo go nna:’ lewatle le a re: ‘Ga ke na najo.’

15Ga bo kake jwa bonwa ka gouta le gone selefera ga se ketla se lekanyediwa tlhwatlhwa ya lone.

16Ga bo kake jwa kaelwa tlhwatlhwa ka gouta ya Ofire, le fa e le ka šohama e e tlhokegang, kgotsa ka safire.

17Gouta le galase ga di kake tsa bo lekana; le gone dilo tse di tlaa bo ananyang e tlaa bo e se mekgabo ya gouta e e itshekileng.

18Korale le legakwa ga di ketla di umakwa; ee, tlhwatlhwa ya botlhale e feta ya borube.

19Topase ya Ethiopia ga e ketla e bo lekana, le gone ga bo ketla bo lekanngwa tlhwatlhwa ka gouta e e itshekileng.

20Mme e le foo botlhale bo tswa kae? Le felo ga tlhaloganyo ke kae?

21Etswe bo subetswe matlho a batshedi botlhe, bo bipetswe dinonyane tsa loapi.

22Molete wa Tshenyegelo le Loso ba re: ‘Re utlwile tumedi ya jone ka ditsebe.’

23Modimo o tlhalogantse tsela ya jone, o itse bonno jwa jone.

24Gonne o lebile kwa dikhutlong tsa lefatshe, o bona fa tlase ga legodimo lotlhe fela;

25go direla phefo selekanyo sa bokete; ee, o lekanya metsi ka selekanyo.

26E rile o direla pula molao, le logadima lwa maru tsela;

27foo wa bo bona, wa bo kakanya; wa bo tlhomamisa, ee, wa bo tlhotlhomisa.

28Wa raya motho wa re: ‘Bona, go boifa Morena ke jone botlhale; le go kgaogana le bosula ke yone tlhaloganyo.’ ”

Bible Society of South Africa, 1908
iv>