Job 34:1-37 TSW1908 - Bible AI

1Gape Elihu a fetola, a re:

2“Utlwang mafoko a me, lona matlhale; lo ntshekegele tsebe, lona ba lo nang le kitso.

3Gonne tsebe e leka mafoko, jaaka magalapa a leka dijo.

4A re itshenkeleng sone se se siameng; a re itsisanyeng se se leng molemo.

5Gonne Jobe o rile: ‘Ke tshiamo, mme Modimo o ntloseditse tshiamelo ya me;

6e fa ke na le tshiamelo, ke kaiwa gore ke moaki fela; ntho ya me ga e na kalafi le fa ke sa leofa.’

7Monna yo o tshwanang le Jobe ke mang, yo o nwang tshotlo jaaka metsi,

8yo o tsalanang le badiri ba boikepo, a sepela le batho ba ba bosula?

9Gonne o rile: ‘Ga go thuse monna sepe fa a ka inatefisa mo Modimong.’

10Ke gone, ntheetsang, lona banna ba tlhaloganyo; a go nne kgakala le Modimo, fa o ka dira bosula, le Mothatayotlhe, fa a ka dira boikepo.

11Gonne o tlaa lefela motho ka fa tirong ya gagwe, o tlaa dira gore motho mongwe le mongwe a bone ka fa ditseleng tsa gagwe.

12Ee, ruri, Modimo ga o ketla o dira ka mokgwa o o bosula, le gone Mothatayotlhe ga a ketla a sokamisa katlholo.

13E mang yo o mo laodisitseng lefatshe, kgotsa mang yo o baakantseng lobopo lotlhe?

14Fa o tlhoma pelo ya one go itlhokomela go le gosi, o ne o tlaa iphuthela mowa wa one le botshelo jwa one fela;

15foo nama yotlhe e tlaa swa mmogo, mme motho o tlaa ba a boela mo loroleng.

16Fa jaana o na le tlhaloganyo, o utlwe se; o reetse lentswe la mafoko a me.

17Le yo mongwe fela yo o ilang tshiamo a o tlaa busa? A o tlaa bona ene molato yo o tekatekanyo le nonofo?

18A go tshwanetse go rewa kgosi go twe: ‘O maswe,’ kgotsa batlotlegi go twe: ‘Lo bosula’?

19Bogolo jang ga go a tshwanela ga rewa one jalo, o o sa tlhokomeleng sebele sa dikgosana, le o o sa gopoleng bahumi bogolo go bahumanegi, gonne botlhe ke tiro ya diatla tsa one.

20Ba swa ka ponyo ya leitlho, e bong mo gare ga bosigo; batho ba tle ba reketlisiwe, mme ba fete, le bathati ba tlosiwe e seng ka seatla.

21Gonne matlho a one a mo ditseleng tsa motho, mme o bona metsamao yotlhe ya gagwe.

22Ga go na lefifi le fa e le moriti wa loso kwa badiri ba boikepo ba ka itshubelang gone.

23Gonne Modimo ga o tlhoke go tlhola o akanya ka ga motho, fa o mo lere fa pele ga one mo tshekong.

24O thubaganya ba ba thata ka mekgwa e e retelang go lemogwa, o tlhome ba bangwe mo boemong jwa bone.

25Ke gone ka moo o tle o tseye ditiro tsa bone tsia, o ba pitikolole mo bosigong, ba be ba tle ba senngwe.

26O ba diteye jaaka batho ba ba bosula mo ponong e e bonalang ya ba bangwe.

27Ka ba o fapogile go o sala morago, ba ganne go tlhokomela ditsela dipe tsa one;

28ba ba ba tla ba fitlhisa selelo sa bahumanegi kwa go one, mme o utlwe go goa ga ba ba patikwang.

29E re fa o iketlisa motho, ana e mang yo o ka sekisang? E re fa o itshuba sefatlhogo, ana e mang yo o ka o bonang? Le fa go direlwa morafe kgotsa go direlwa motho, go tshwana fela.

30Gore go se ka ga busa motho yo o sa reng Modimo sepe, le gore go se nne ope yo o beelang batho seru.

31“Gonne a mongwe o kile a raya Modimo a re: ‘Ke kgwathile, ga nketla ke tlhola ke senya.’

32A mongwe o rile: ‘Se ke sa se boneng o se nthute, fa ke dirile boikepo, ga nketla ke tlhola ke bo dira’?

33A tefiso ya one e tlaa nna ka fa go rateng ga gago, ka e le fa o e gana? Gonne ke wena yo o nang le go e itshenkela, e seng nna; ke gone bua se o se itseng.

34Banna ba tlhaloganyo ba tlaa nthaya, ee, monna mongwe le mongwe yo o botlhale, yo o nkutlwang; ba tlaa nthaya ba re:

35‘Jobe o bua a se na kitso, mafoko a gagwe ga a na botlhale.’

36A bo Jobe a ka bo a lekelwa le go ya kwa bokhutlong, ka ntlha ya go fetola ga gagwe jaaka batho ba ba bosula ba tle ba fetole.

37Gonne o oketsa boleo jwa gagwe ka tsuololo, o opanya diatla mo go rona, o ntsifatsa mafoko a gagwe a go nyatsa Modimo.”

Bible Society of South Africa, 1908
iv>