Job 35:1-16 TSW1908 - Bible AI

1Gape Elihu a fela a fetola, a re:

2“A o gopola go re se ke tshiamelo ya gago, kgotsa o ithaya o re: ‘Tshiamo ya me e feta ya Modimo,’

3fa e bo ne ne o re: ‘Go tlaa nthusang?’ Gape wa re: ‘Ke tlaa bona eng bogolo go fa nka bo ke leofile?’

4Ke tlaa go fetola, le bankana ba gago nao.

5Lelalela magodimong, o bone; leba loapi lo lo godimo bogolo go wena.

6Fa o leofile o a bo o o direla eng? Fa ditlolo tsa gago di ntsifetse, o a bo o o dirang?

7Fa o le tshiamo, o a bo o o naya eng? Kgotsa: O a bo o amogelang mo seatleng sa gago?

8Bosula jwa gago bo ka utlwisa motho yo o tshwanang nao botlhoko; tshiamo ya gago e ka thusa mongwe morwa motho.

9“Batho ba tle ba bokolele ka ntlha ya bontsi jwa dipatiko; ba goelele thuso ka ntlha ya letsogo la ba ba thata.

10Mme go bo go se na ope yo o reng: ‘O kae Modimo Modiri wa me, o o opedisang batho bosigo,

11o o re rutang bogolo go diphologolo tsa lefatshe, o re tlhaletsha bogolo go dinonyane tsa loapi?’

12Foo ba goe, mme ga go arabe ope, ka ntlha ya boikgodiso jwa batho ba ba bosula.

13Ruri Modimo o a bo o se ketla o utlwa boithamako, le gone Mothatayotlhe ga a ketla a bo tlhokomela.

14Bogolo jang ga o ketla o utlwa fa o re ga o o bone, mafoko a a sekwang a fa pele ga one, mme o o letile.

15Mme jaanong, ka o se ka wa lefetsa ka bogale jwa one, le gone ka o sa tlhokomele boitelaganyo bobe;

16ke gone ka moo Jobe o tumololang molomo wa gagwe ka boithamako; o ntsifatsa mafoko a se na kitso.”

Bible Society of South Africa, 1908
iv>