Job 40:1-24 TSW1908 - Bible AI

1Gape Jehofa a fetola Jobe a re:

2“Yo o betogang fela a o tlaa ganela le Mothatayotlhe? Yo o ganetsanyang le Modimo, a a go fetole.”

3Foo Jobe a fetola Jehofa a re:

4“Bona, ga ke sepe; ke tlaa go fetola ke reng? Ke ipaya seatla mo molomong fela.

5Ke buile gangwe fela, mme ga nketla ke fetola; ee, gabedi, mme ga nketla ke tlhola ke tswelela.”

6Foo Jehofa a le mo sefefong a fetola Jobe a re:

7“A ko o ikokwaele lotheka jaana jaaka monna, ke tlaa go botsa, mme o nkakanyetse.

8A o tlaa tsupuetsa le e leng katlholo ya me? A o tlaa mpona molato gore o tle o siamisiwe?

9Kgotsa a o na le letsogo le le tshwanang jaaka la Modimo? A o ka duma ka lentswe jaaka one?

10A ko o ikgabise ka tlotlomalo le bogolwane, mme o ikapese ka tlotlo le borena.

11Thela mapenologo a bogale jwa gago, o lebe mongwe le mongwe yo o ikgodisang o mo kokobetse.

12Leba mongwe le mongwe yo o ikgodisang, mme o mo ise kwa tlase; o gatakele baikepi fa ba emeng gone.

13Ba fitlhe mmogo mo loroleng; o bofele difatlhogo tsa bone mo felong fa go fitlhegileng.

14Foo le nna ke tlaa go ipolela, gore seatla se segolo sa gago tota se ka go boloka.

15A ko o bone kubu, e ke e dirileng jaaka le wena ke go dirile; e ja bojang jaaka kgomo.

16A ko o bone, thata ya yone e mo lothekeng lwa yone, nonofo ya yone e mo mesifeng ya mpa ya yone.

17E tle e tsokotse mogatla jaaka setlhare sa mosetara; mesifa ya dirope tsa yone e nganaganye.

18Marapo a yone a ntse jaaka mephakalego ya kgotlho; dikgopo tsa yone di tshwana jaaka mephakalego ya tshipi.

19Ke yone e kgolo mo ditirong tsa Modimo; ene yo o e dirileng ke ene esi yo o ka atametsang tšhaka ya gagwe kwa go yone.

20Ruri dithaba di e medisetsa dijo; kwa diphologolo tsotlhe tsa naga di tshamekelang gone.

21E tle e bothe fa tlase ga koma, mo boiphitlhelong jwa lotlhaka, le mo ditsobotleng.

22Koma ya e sira ka moriti wa yone; madubunoka a molatswana a e dikanyetse.

23Bona, le fa noka e penologa, ga e rorome; e boikanyo fela le fa Joretane a gogomogela le kwa molomong wa yone.

24A mongwe o ka e tshwara e lebile, kgotsa a mongwe o ka phunya nko ya yone ka serai?

Bible Society of South Africa, 1908
iv>