Job 42:1-17 TSW1908 - Bible AI

1Foo Jobe a fetola Jehofa, a re:

2“Ke a itse fa o ka dira dilo tsotlhe, le go re, ga go na boikaelelo bope jwa gago jo bo ka kganelwang.

3‘E mang yo o subang kgakololo a se na kitso?’ Ke gone ka moo ke buileng se ke se kang ka se tlhaloganya, dilo tse e leng kgakgamatso e kgolo mo go nna, tse ke ne ke sa di itse.

4‘Ke a go rapela, a ko o utlwe, mme ke tlaa bua; ke tlaa go botsa, mme o mpolelele.’

5Ke ne ke utlwile ka ga gago ka kutlo ya tsebe; jaanong matlho a me a a go bona.

6Ke gone ka moo ke ipherogelang sebete, ke a ikwatlhaya ke le mo loroleng le molora.”

7Mme ga nna fela jaana, e rile Jehofa a sena go bua mafoko ao le Jobe, Jehofa a raya Elifase wa Motemane, a re: “Botšarara jwa me bo go tuketse, le ditsala tsa gago tse pedi, gonne ga lo a bua se se siameng ka ga me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile.

8Ke gone jaana, tsayang dikgomo di supa, le diphelefu di supa, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo ikisetse tshupelo e e fisiwang; mme Jobe motlhanka wa me o tlaa lo rapelela, gonne ene ke tlaa mo amogela gore ke se ka ka lo direla jaaka boeleele jwa lona; gonne ga lo a bua sone se se siameng ka ge me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile.”

9Jalo Elifase wa Motemane, le Biletate wa Mošuha le Sofare wa Monaamathe, ba ya, ba dira ka fa Jehofa a ba laoletseng ka gone; mme Jehofa a amogela Jobe.

10E rile Jobe a rapelela ditsala tsa gagwe, Jehofa a busa botshwaro jwa gagwe; Jehofa a ba okeletsa Jobe ka sebedi bogolo go tse o kileng a bo a na natso gale.

11Foo ga tla kwa go ene bomorwa rraagwe botlhe, le bokgaitsadie botlhe, le botlhe ba o ne a itsanye nabo gale, ba ja dijo nae mo ntlong ya gagwe; ba mo tla matshediso, ba mo gomotsa ka ga bosula jotlhe jo Jehofa o ne a bo lerile mo go ene; le gone mongwe le mongwe a mo naya ledi, le mongwe le mongwe lenyena la gouta.

12Jalo Morena a segofatsa Jobe go ya kwa bokhutlong jwa gagwe bogolo go tshimologo ya gagwe; a nna le dinku di le 14 000, dikamela di le 6 000, dikgomo tsa bojokwe ba le 1 000, le diesela tse dinamagadi di le 1 000.

13O ne a bile a na le bana ba basimane ba supa le ba basetsana ba le bararo.

14Mosetsana wa ntlha a mo raya leina a re, Jemima; leina la wa bobedi Kesia; leina la wa boraro Kerene-hapuke.

15Mo lefatsheng lotlhe go ne go se na basadi bape ba bantle jaaka bomorwadia Jobe; rraabo a ba naya boswa mo go bokgaitsadia bone.

16Morago ga moo Jobe a tshela ka dinyaga di le 140, mme a bona bomorwawe le bomorwa bomorwawe, e bong dikokomana di le nne.

17Jalo Jobe a swa, a tsofetse a le malatsi a a tletseng.

Bible Society of South Africa, 1908
iv>