John 9:1-41 TSW1908 - Bible AI

1Ya re a feta, a bona motho yo o sa leng a tsalwa a foufetse.

2Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Rabi, go ne go leofile mang, a monna yo, kgotsa batsadi ba gagwe, fa e bo ne ne a tsetswe a foufetse?”

3Jesu a ba fetola, a re: “Go ne go sa leofa monna yo, le fa e le batsadi ba gagwe; e ne e le gore ditiro tsa Modimo di tle di bonadiwe mo go ene.

4Re na le go dira ditiro tsa yo o nthomileng go sa ntse go le motshegare; bosigo bo etla, jo go se nang ope yo o ka dirang mo go jone.

5E re fa ke sa ntse ke le mo lefatsheng, ke be ke le lesedi la lefatshe.”

6Ya re a sena go bua jalo, a kgwela mathe fa fatshe, a duba seretse ka mathe, mme a mo tshasa seretse mo matlhong,

7a mo raya a re: “Ya o tlhape mo lekadibeng la Siloame,” - ke go re, Romilwe, fa go phuthololwa. Mme a tloga a tsamaya, a ya a tlhapa, mme a tla a bona.

8Foo ba ga gabo le ba ba mmonyeng gale fa e le mokopi, ba re: “Yo, a ga se ene yo o ne a tle a nnele go kopa?”

9Ba bangwe ba re: “Ke ene.” Ba bangwe ba re: “Nnyaa, o tshwana nae.” Mme ene a re: “Ke nna.”

10Ba mo raya ba re: “Fa e le jalo, matlho a gago a foufolotswe jang?”

11A ba fetola a re: “Monna yo go tweng Jesu, a duba seretse, a se ntshasa mo matlhong, a nthaya a re: ‘Ya mo Siloame, o tlhape,’ mme ka tsamaya, ka ya ka tlhapa, mme ka foufologa.”

12Ba mo raya ba re: “Ene o kae?” A re: “Ga ke itse.”

13Ba mo isa kwa Bafarisaing, ene yo e rileng gale a bo a foufetse.

14Jaana ga bo go le Sabata mo tsatsing leo Jesu a dubileng seretse, a mo foufolola matlho ka lone.

15Bafarisai ba ba ba mmotsa gape ka fa o foufologileng ka teng. A ba raya a re: “O mpeile seretse mo matlhong, mme ka tlhapa, mme ke a bona.”

16Bafarisai bangwe ba re: “Monna yoo ga a a tswa Modimong, gonne ga a ilele Sabata.” Ba bangwe ba re: “Motho yo e leng moleofi o ka dira ditshupo tse di ntseng jalo jang?” Ga nna kgaogano mo go bone.

17Ba ba ba raya monna wa sefofu gape ba re: “Wena wa reng ka ga gagwe, ka e le fa a foufolotse matlho a gago?” A re: “Nna ka re, ke moperofeti.”

18Bajuta ba belaela ka ga gagwe, gore a jaana o kile a ne a foufetse, a ba a foufologa, ba ba ba tla ba bitsa batsadi ba yo o foufologileng.

19Ba ba botsa ba re: “A yo ke ene ngwana wa lona yo lo reng o tsetswe a foufetse? Mme o bona jang gompieno?”

20Batsadi ba gagwe ba ba fetola ba re: “Re a itse fa yo e le ngwana wa rona, a bile a ne a tsetswe a foufetse;

21mme ga re itse ka fa o bonang ka teng gompieno; le yo o mo foufolotseng matlho ga re mo itse. Botsang ene, o godile, o tlaa ikarabela.”

22Batsadi ba gagwe ba bua dilo tse ka go boifa Bajuta; gonne Bajuta ba ne ba dumalanye gale, gore, fa mongwe a ka mo ipolela fa e le Keresete, ba tlaa mo kgaola mo ntlong ya thuto.

23Ke gone batsadi ba gagwe ba reng: “O godile, botsang ene.”

24Jalo monna yo o neng a foufetse ba mmitsa lwa bobedi, ba mo raya ba re: “Naya Modimo kgalalelo; re a itse fa monna yo e le moleofi.”

25Foo a ba fetola a re: “Kgotsa a o moleofi, ga ke itse; sengwe ke a se itse, ka re, ke ne ke foufetse, mme gompieno ke a bona.”

26Ba mo raya ba re: “O go dirileng? O go foufolotse matlho jang?”

27A ba fetola a re: “Ke lo boleletse gompieno jaana, mme ga lo a ka lwa utlwa; lo ratelang go ba lo go utlwa? A le lona lo rata go tswa barutwa ba gagwe?”

28Ba mo gobolola ba re: “Wena o morutwa wa gagwe; rona re barutwa ba ga Moše.

29Re a itse fa Modimo a buile le Moše; mme ka ga monna yoo, ga re itse kwa o tswang teng.”

30Monna a ba fetola a re: “Ana golo mo go gakgamatsa jang! Ka lo sa itse kwa o tswang gone, le fa go ntse jalo, nna o mphoufolotse matlho.

31Re a itse fa Modimo o sa utlwe baleofi; mme fa motho le fa e le mang e le moobamedi wa Modimo, a ba a dira go rata ga one, yoo o a mo utlwa.

32E sa le ka tlholego ya lefatshe ga go ise go ke go utlwiwe fa mongwe a kile a foufolola matlho a motho yo o tsetsweng a foufetse.

33Fa motho yo a sa tswe Modimong, o ne a sa ka ke a dira sepe.”

34Ba mo fetola ba re: “O tsaletswe fela mo dibeng, mme a o a re ruta?” Mme ba mo kgaolela ntle.

35Jesu a utlwa fa ba mo kgaotse; ya re a mo fitlhela, a mo raya a re: “A o dumela mo go Morwa Modimo?”

36A fetola a re: “Ene ke mang, Morena, gore ke dumele mo go ene?”

37Jesu a mo raya a re: “O mmonye, e bile ke ene yo o buang nao.”

38A re: “Morena ke a dumela.” Mme a mo obamela.

39Jesu a re: “Ke tletse katlholo mo lefatsheng leno, gore ba ba sa boneng ba bone; le gore ba ba bonang ba foufale.”

40Bafarisai ba ba neng ba na nae ba utlwa dilo tse, mme ba mo raya ba re: “A le rona re foufetse?”

41Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo ne lo foufetse lo ka bo lo se na boleo; mme ke fa, lwa re, lo a bona; boleo jwa lona bo sa le teng.

Bible Society of South Africa, 1908
iv>