Joshua 24:1-33 TSW1908 - Bible AI

1Jošua a phuthela ditso tsotlhe tsa Iseraele kwa Shekeme, a bitsa bagolwane ba Iseraele, le ditlhogo tsa bone, le baatlhodi ba bone, le bagogi ba bone; mme ba iponatsa fa pele ga Modimo.

2Jošua a raya batho botlhe, a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a re: ‘Borraeno gale ba ne ba agile kwa moseja ga Noka, e bong Tera, rraagwe Aberahame le rraagwe Nahore; ba direla medimo e sele.

3Ka tsaya rraeno Aberahame kwa moseja ga Noka, ka mo ralatsa lefatshe la Kanana, ka ntsifatsa losika lwa gagwe, ka mo naya Isake.

4Isake ka mo naya Jakobe le Esau; Esau ka mo naya thaba ya Seire go e rua; Jakobe ene le bana ba gagwe ba fologela kwa Egepeto.

5Ka roma Moše le Arone, ka betsa Egepeto, ka fa ke dirileng mo gare ga gone ka teng; morago ga mo ka lo ntsha gone.

6Ka ntsha borraeno mo Egepeto, lwa tla kwa lewatleng; Baegepeto ba konatelela borraeno ka dikara tsa tlhabano, le bapalami ba dipitse, go ya kwa Lewatleng le Lehibidu.

7E rile ba goela kwa go Jehofa, a baya lefifi gare ga lona le Baegepeto, a lere lewatle mo go bone, a ba khurumetsa; matlho a lona a bonye se ke se dirileng mo Egepeto; mme lwa aga mo nageng malatsi a le mantsi.

8Ka lo fitlhisa mo lefatsheng la Baamore, ba ba neng ba agile kwa moseja ga Joretane; mme ba tlhabana le lona; mme ka ba tsenya mo seatleng sa lona, lwa rua lefatshe la bone; ka ba senya fa pele ga lona.

9Foo Balake morwa Sipore, kgosi ya Moabe, a nanoga a tlhabana le Iseraele; a roma batho ba ya go bitsa Balaame morwa Beore, gore a tle go lo hutsa,

10mme ka gana go reetsa Balaame; ke gone ka moo a fela a ntse a lo segofatsa; ka lo golola mo seatleng sa gagwe.

11Lwa kgabaganya Joretane, lwa tla kwa Jeriko; mme banna ba Jeriko ba tlhabana le lona, Baamore, le Baperise, le Bakanana, le Bahite, le Bagiregaše, le Bahife le Bajebnuse; ka ba tsenya mo seatleng sa lona.

12Ka isa moruthwane fa pele ga lona, wa ba leleka fa pele ga lona, e bong dikgosi tse pedi tsa Baamore; e ne e se ka tšhaka ya gago, le fa e le ka bora jwa gago.

13Ka lo naya lefatshe le lo se kang lwa dira mo go lone, le metse e lo se kang lwa e aga, lo agile mo go yone; lo ja masimo a mafine, le masimo a matlhware a lo se kang lwa a tlhoma.’

14“Ke gone jaana boifang Jehofa, lo mo direle ka mo go se nang boithamako, le ka boammaaruri; lo tlose medimo e borraeno ba ne ba e direla kwa moseja ga Noka, le mo Egepeto; mme lo direle Jehofa.

15Mme fa lo bona go le bosula go direla Jehofa, itshenkeleng gompieno yo lo tlaa mo direlang; le fa e le medimo e borraeno ba ne ba e direla, e e neng e le kwa moseja ga Noka, gongwe medimo ya Baamore, ba lefatshe la bone lo agileng mo go lone; mme ka ga me, le ba ntlo ya me, rona re tlaa direla Jehofa fela.”

16Batho ba mo fetola, ba re: “A Modimo o ka ka wa re itsa gore re se ka ra latlha Jehofa, ra direla medimo e sele;

17gonne Jehofa Modimo wa rona ke ene yo o re ntshitseng le borraetsho mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka, ke ene yo o dirileng ditshupo tse dikgolo tseo mo ponong ya rona, a ba a re tlamela mo tseleng yotlhe, e re e tsamaileng, le mo bathong botlhe ba re raletseng gare ga bone.

18Jehofa a ba a leleka ditšhaba tsotlhe fa pele ga rona, e bong Baamore ba ba neng ba agile mo lefatsheng; ke gone ka moo le rona re tlaa direlang Jehofa, gonne ke ene Modimo wa rona.”

19Mme Jošua a raya batho, a re: “Ga lo kake lwa direla Jehofa; gonne ke Modimo o o boitshepo; ke Modimo o o lefufa; ga o ketla o lo itshwarela ditlolo tsa lona, le fa e le maleo a lona.

20Fa lo latlha Jehofa, lo direla medimo e sele ya seeng, foo o tlaa retologa a lo direla bosula, a lo nyeletsa, a sena go lo direla molemo.”

21Batho ba raya Jošua, ba re: “Nnyaa; go direla Jehofa, re tlaa mo direla.”

22Jošua a raya batho, a re: “Lo basupi ka ga lona fa lo itshenketse Jehofa go mo direla.” Mme ba re: “Re basupi.”

23A ba a re: “Ke gone jaana tlosang medimo e sele ya seeng e e mo go lona, lo sekegele Jehofa Modimo wa Iseraele dipelo tsa lona.”

24Batho ba raya Jošua, ba re: “Re tlaa direla Jehofa Modimo wa rona, re tlaa reetsa lentswe la gagwe.”

25Jalo Jošua a dira kgolagano le batho ka tsatsi leo, a ba beela tao, le taolo e e tlhomameng mo Shekeme.

26Jošua a kwala mafoko a mo lokwalong lwa molao wa Modimo; a tsaya lentswe le legolo, a le tlhoma teng fa tlase ga mooka o o neng o le fa felong ga boitshepo ga Jehofa.

27Jošua a raya batho botlhe, a re: “Bonang, lentswe le, le tlaa nna mosupi gare ga rona; gonne le utlwile mafoko otlhe a Jehofa o a buileng le rona; ke gone le tlaa nna mosupi ka ga lona, e se re kgotsa lwa itatola Modimo wa lona.”

28Jalo Jošua a naya batho tsela, mongwe le mongwe go ya bosweng jwa gagwe.

29Ga dirala morago ga dilo tse, Jošua morwa Nune, motlhanka wa ga Jehofa, a swa a le botsofe jwa dinyaga di le 110.

30Ba mo fitlha mo molelwaneng wa boswa jwa gagwe mo Timenathesera, o o mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, bopota thaba ya Gaaše ka fa ntlheng ya botsheka.

31Baiseraele ba direla Jehofa ka malatsi otlhe a ga Jošua, le ka malatsi otlhe a bagolwane ba ba tlogetsweng ke Jošua, ya bo e le ba ba itsileng tiro yotlhe ya ga Jehofa, e o ne a e diretse Iseraele.

32Marapo a ga Josefe, a bana ba Iseraele ba duleng nao kwa Egepeto, ba a fitlha mo Shekeme, mo sebateng sa lefatshe se Jakobe o kileng a se reka mo go bormorwa Hamore rra Shekeme ka dipapetlana tsa madi tse di lekgolo; mme sa nna boswa jwa bana ba ga Josefe.

33Le ene Eleasare morwa Arone a swa; mme ba mo fitlha mo thoteng ya ga Finehase morwawe, e o ne a e neilwe mo lefatsheng la makgabana la Eferaime.