Leviticus 9:1-24 TSW1908 - Bible AI

1Ya re ka letsatsi la bofera mebedi, Moše a bitsa Arone le bomorwawe, le bagolwane ba Iseraele;

2a raya Arone a re: “Tsaya namane e tonanyana ya tshupelelo ya boleo le phelefu ya tshupelo e e fisiwang, e nne tse di se nang bogole, o di ise tshupelo fa pele ga Jehofa.

3Bua le bana ba Iseraele o re: ‘Tsayang podi e tonanyana ya tshupelelo ya boleo, le namane le kwanyana, e le tsa ngwaga wa ntlha tsoo pedi, e nne tse di se nang bogole tsa tshupelo e e fisiwang,

4le kgomo, le phelefu tsa ditshupelo tsa kagiso, go di isa tlhabelo fa pele ga Jehofa; le tshupelo ya boupe jo bo tlhakanyeng le lookwane, gonne gompieno Jehofa o tlaa bonala mo go lona.’ ”

5Ba lere tse Moše o di laotseng fa pele ga mogope wa bophuthegelo; phuthego yotlhe ya atamela ya ema fa pele ga Jehofa.

6Moše a re: “Se ke sone se Jehofa o laotseng gore lo se dire, mme kgalalelo ya ga Jehofa e tlaa lo bonalela.”

7Moše a raya Arone a re: “Atamela fa sebesong, o ise tshupelelo ya gago ya boleo, le tshupelo ya gago e e fisiwang, o itirele tetlanyo, le batho, o ba direle tetlanyo; o bo o ise tshupelo ya batho, o ba direle tetlanyo, jaaka Jehofa a laotse.”

8Jalo Arone a atamela sebeso, a tlhaba namane ya tshupelelo ya boleo e e leng ya gagwe ka esi.

9Bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, mme a ina monwana mo mading, a a tshasa mo dinakeng tsa sebeso, a ba a tshololela madi fa tlase ga sebeso.

10Mafura, le diphilo, le lotswalo lwa sebete sa tshupelelo ya boleo, a di fisetsa mo sebesong, jaaka Jehofa a laotse Moše.

11A fisa nama le letlalo ka molelo kwa ntle ga bothibelelo.

12A tlhaba tshupelo e e fisiwang; bomorwa Arone ba mo neela madi, mme a a kgatsha mo sebesong mo tikologong ya sone.

13Ba mo neela nama ya serwe sengwe le sengwe sa tshupelo e e fisiwang, le tlhogo, mme a di fisetsa mo sebesong.

14A tlhatswa diteng le memo, a di fisetsa mo godimo ga tshupelo e e fisiwang mo sebesong.

15A supa seromololo sa batho, a tsaya podi ya tshupelelo ya boleo e e neng e le ya batho, a e tlhaba, a e isetsa boleo jaaka ya ntlha.

16A supa tshupelo e e fisiwang, a e isa ka fa molaong.

17A supa tshupelo ya boupe, a tabola ga jone ka legofi, a go fisetsa mo sebesong fa tshupelong e e fisiwang ya moso.

18Le gone a tlhaba kgomo le phelefu, e bong tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, e e leng ya batho; bomorwa Arone ba mo neela madi, a a kgatšha mo sebesong mo tikologong ya sone,

19le mafura a kgomo, le a phelefu, le mogatla o o mafura, le lomipi, le diphilo, le lotswalo lwa sebete.

20Ba baya mafura mo godimo ga dihuba, mme a fisetsa mafura mo sebesong.

21Dihuba le serope sa ka fa tsogong le legolo Arone a di fokisa, e le tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa, jaaka Moše a laotse.

22Arone a tsholetsa mabogo a gagwe kwa bathong, a ba segofatsa; mme a fologa a tswa mo go mo go iseng tshupelelo ya boleo, le tshupelo e e fisiwang, le ditshupelo tsa kagiso.

23Moše le Arone ba tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, mme ba tswa, ba segofatsa batho; kgalalelo ya ga Jehofa ya bonalela batho botlhe.

24Ga tswa molelo fa pele ga Jehofa, wa ja tshupelo e e fisiwang le mafura mo sebesong; mme e rile batho ba go bona, ba thela lošalaba, ba wela fa fatshe ka difatlhogo.

e>