Matthew 13:1-58 TSW1908 - Bible AI

1E rile ka letsatsi leo Jesu a tswa mo ntlong, a ya a dula fa lewatleng.

2Ga phuthegela kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, a ba a tla a tsena mo mokorong a dula teng; mme bontsi jotlhe jwa batho jwa ema fa thoko ga lewatle.

3Mme a bua nabo dilo di le dintsi ka ditshwantsho a re: “Bonang, mojadi o kile a tswa a ya go jala.

4Ya re a ntse a jala ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa di sela.

5Tse dingwe tsa wela fa go leng matlapa, fa mmu o leng mosesane teng, mme tsa akofa tsa tlhaba ka di se mo mmung o o boteng.

6E rile letsatsi le sena go gotela, tsa ša; mme ereka di se na medi, tsa omelela fela.

7Tse dingwe tsa wela mo mitlweng; mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa;

8tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa, dingwe tsa nna lekgolo, tse dingwe tsa nna 60, tse dingwe 30.

9“Yo o nang le ditsebe (go utlwa), a a utlwe.”

10Mme barutwa ba tla, ba mo raya ba re: “Ana o buelang nabo ka ditshwantsho?”

11A ba fetola a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa legodimo; mme bone ga ba a go newa.

12Gonne yo o nang le sengwe o tlaa newa, mme o tlaa nna le letlotlo; mme yo o se nang sepe o tlaa tseelwa le se o nang naso.

13Ke gone ka fa ke buang nabo ka ditshwantsho ka teng; ka gobo le fa ba lebile, ga ba bone, le fa ba reeditse, ga ba utlwe, le gone ga ba tlhaloganye.

14Polelelopele ya ga Isaia e ba dirafaletse e e rileng: “ ‘Go utlwa lo tlaa nna lo utlwa, mme ga lo ketla lo tlhaloganya gope, le go leba lo tlaa nna lo leba, mme ga lo ketla lo bona gope;

15gonne dipelo tsa batho ba di thatafaditse, ba kabetse ditsebe, ba ipuduladitse matlho; e se re kgotsa ba lemoga ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka pelo, mme ba sokologa gape, mme ka ba fodisa.’

16“Matlho a lona a sego gonne a a bona; le ditsebe tsa lona gonne di a utlwa.

17Gonne ammaaruri ke a lo raya, baperofeti ba le bantsi le basiami ba eleditse go bona dilo tse lo di bonang, mme ga ba a ka ba di bona; le go utlwa dilo tse lo di utlwang mme ga ba ka ba di utlwa.

18“Ke gone, utlwang setshwantsho sa mojadi.

19E a re fa mongwe a utlwa lefoko la bogosi, a sa le tlhaloganye, foo yo o bosula a tle a phamole se se jadilweng mo pelong ya gagwe. Yo ke ene wa peo e e jaletsweng fa tseleng.

20Wa peo e e jadilweng fa go leng matlapa, ke yo o utlwang lefoko mme a akofe a le tshole ka boitumelo;

21le fa go ntse jalo ga a na modi mo go ene, o tle a eme ka lobakanyana fela; mme e re mogang go tsogang patiko kgotsa pogiso ka ntlha ya lefoko, a akofe a kgopiwe.

22Wa peo e e jadilweng mo mitlweng ke yo o utlwang lefoko; mme go bapalwa ke lefatshe le tsietso ya mahumo, di hupetse lefoko mme a ungologe.

23Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye; ke ene ruri yo o ungwang, mme go ungwa ga gagwe gongwe go nne lekgolo, gongwe go nne 60, mo gongwe 30.”

24A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwantshiwa le motho yo o kileng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe;

25mme ya re go sa robetswe, mmaba wa gagwe a tla a jala mohoka le one mo mabeleng, mme a tsamaya.

26E rile mogwang o gola, mabele a tsala, mohoka le one wa bonala.

27Batlhanka ba mong wa tshimo ba tla ba mo raya ba re: ‘Morena, a go o a jala peo e e molemo mo tshimong ya gago, mme jaanong e bile e tshotse mohoka kae?’

28A ba raya, a re: ‘Ke mmaba yo o dirileng jalo.’ Batlhanka ba re: ‘Fa e le jalo, a o rata ra ya ra o phutha?’

29Mme a re: ‘Nnyaa; e se re kgotsa fa lo phutha mohoka, lwa o khumolela le mabele.

30Lesang, lo mme go gole mmogo go ya thobong; e tlaa re mo motlheng wa thobo ke tlaa raya barobi ke re: Phuthang mohoka pele, lo o bofe dingata go tla lo o fisa, mme mabele lo a phuthele mo bobolokelong jwa me.’ ”

31A ba beela pele setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e motho o e tsereng, mme a e jala mo tshimong ya gagwe;

32ke peo e potlana ruri mo dipeong tsotlhe; mme e re e sena go gola e be e feta merogo, e nne setlhare, dinonyane tsa loapi di be di tle di age mo dikaleng tsa sone.”

33A ba bolelela setshwantsho se sengwe a re: “Bogosi jwa legodimo bo tshwana le sebediso se mosadi o se tsereng, a se tsenya mo dielong di le tharo tsa boupe, jwa ba jwa tla jwa bela jotlhe fela.”

34Dilo tse tsotlhe Jesu a di bua le matshutitshuti a batho ka ditshwantsho; ga a ka a bua sepe nabo fa se se ka ditshwantsho fela,

35gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke moperofeti, a re: “Ke tlaa tumolola molomo wa me ka ditshwantsho; ke tlaa kakanya dilo tse di sa leng di lojwa ka go thaiwa ga lefatshe.”

36Foo Jesu a tlogela matshutitshuti a batho, a tsena mo ntlong; mme barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re: “Re phuthololele setshwantsho sa mohoka mo tshimong.”

37A ba fetola a re: “Mojadi wa peo e e molemo ke Morwa Motho;

38tshimo ke lefatshe; peo e e molemo yone ke bana ba bogosi; mme mohoka ke bana ba yo o bosula;

39mmaba yo o ba jadileng ke diabolo; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe; barobi ke baengele.

40Ke gone jaaka mohoka o phuthwa, o fisiwa ka molelo; go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe.

41Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang;

42mme ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

43Foo basiami ba tlaa betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe a a utlwe.

44“Bogosi jwa legodimo bo tshwana le khumo e e fitlhegileng mo nageng; e motho o ne a e bona, mme a e loba; mme ka boitumelo jwa gone, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso, a reka naga eo.

45“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le moreki yo o batlang diperela tse dintle.

46Ya re a sena go bona nngwe e e tlhwatlhwa kgolo, a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso a e reka.

47“Gape bogosi jwa legodimo bo tshwana le lotloa lo lo digetsweng mo lewatleng, mme lwa gogoba ga ditshika tsotlhe tsa ditlhapi;

48lo e rileng lo sena go tlala ba lo gogela fa thoko; ba dula ba tlhophela tse di monate mo megopeng, mme tse di bosula ba di latlha.

49Go tlaa nna fela jalo mo bokhutlong jwa lefatshe; baengele ba tlaa tswa, ba tlhaola ba ba bosula mo go ba ba siameng,

50ba ba latlhela mo bokepisong jwa molelo; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno teng.

51“A dilo tse tsotlhe lo di tlhalogantse?” Ba mo raya ba re: “Ee.”

52A ba raya a re: “Ke gone he mokwadi mongwe le mongwe, yo o rutilweng sentle ka ga bogosi jwa legodimo, o tshwana le mong wa ntlo, yo o ntshang dilo tse dintšha le tse dikgologolo mo lohumong lwa gagwe.”

53Ga dirala, e rile Jesu a sena go wetsa ditshwantsho tse, a tloga a tswa teng.

54Ya re a fitlha mo lefatsheng la ga gabo, a ba ruta mo ntlong ya bone ya thuto, ba ba ba gakgamala ba re: “Monna yo o tshotse botlhale jo le ditiro tse tsa nonofo kae?

55A yo ga se morwa mmetli wa dikgong? A mmaagwe ga se Maria? Le bomonnawe a ga se boJakobe, le Josefe, le Simone le Jutase?

56Le bokgaitsadie a ga re na nabo botlhe? Ana monna yo o a ba a tshotse kae dilo tsotlhe tse?”

57Mme ba kgopega ka ga gagwe, mme Jesu a ba raya a re: “Moperofeti ga a ke a tlhoka tlotlo, fa e se mo lefatsheng la ga gabo, le mo ntlong ya gagwe.”

58Mme a se ka a dira ditiro di le dintsi tsa nonofo teng, ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone.

>