Matthew 2:1-23 TSW1908 - Bible AI

1Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema ba re:

2“O fa kae yo o tsetsweng, Kgosi ya Bajuta? Gonne re bonye naledi ya gagwe re le kwa botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela.”

3E rile kgosi Herote a utlwa jalo a fuduega, le motse otlhe wa Jerusalema nae.

4Mme a phutha baperesiti ba bagolo botlhe, le bakwaledi ba batho, a ba botsa kwa go tulweng Keresete o tlaa tsalelwa teng.

5Ba mo raya ba re: “Mo Bethelehema wa Jutea; gonne go kwadilwe jalo ke moperofeti a re:

6‘Wena Bethelehema, lefatshe la Juta, ga o mmotlana gope mo magosaneng a Juta; gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi, yo o tlaa nnang modisa wa batho ba me Baiseraele.’ ”

7Foo Herote a biletsa banna ba ba botlhale bao kwa thoko, a tlhotlhomisa go tlhaloganya mo go bone lobaka lo naledi e bonetseng ka lone.

8Mme a ba roma kwa Bethelehema a re: “Yang lo tlhotlhomise sentle ka ga ngwanyana yo; e re lo sena go mmona, lo tle go nkitsise, gore le nna ke ye go mo obamela.”

9Bone ya re ba sena go utlwa kgosi ba tsamaya; mme bonang, naledi e ba e bonyeng ba le kwa botlhabatsatsi, ya ba etelela pele, ya tsamaya ya fitlha ya ema e okame golo fa ngwanyana o leng teng.

10Ba re ba bona naledi ba itumela ka boitumelo jo bogolo thata.

11Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe; ba wela fa fatshe ba mo obamela; mme ba ntsha mahumo a bone, ba mo ntshetsa dineo: gouta, le malao a lebano le mura.

12Mme e ne ya re ka ba tlhagisitswe ke Modimo ka toro, gore ba se ka ba boela kwa go Herote, ba tsaya tsela e sele ba ya lefatsheng la ga bone.

13Jaana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.”

14Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe bosigo, a ya Egepeto;

15Mme a nna teng, ga tsamaya Herote a swa; gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moperofeti a re: “Ke biditse morwaake a le kwa Egepeto.”

16Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one.

17Foo ga dirala se se kileng sa buiwa ke moperofeti Jeremia a re:

18“Lentswe la utlwala mo Rama, selelo le khutsafalo e kgolo, e le Ragele a lelela bana ba gagwe; mme a gana go gomodiwa, ka gobo ba seyo.”

19E rile Herote a sena go swa, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro, kwa Egepeto, a re:

20“Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o ye lefatsheng la Iseraele; gonne ba ba kileng ba batla go mmolaya ba sule.”

21Mme a tloga a tsaya ngwanyana le mmaagwe, a tla mo lefatsheng la Iseraele.

22E rile a utlwa fa Arekelao a busa mo Jutea, mo boemong jwa ga Herote rraagwe, a boifa go ya teng; mme ya re ka a tlhagisitswe ke Modimo ka toro, a ngongwaelela kwa dintlheng tsa Galilea.

23A fitlha a aga mo motseng o go tweng Nasaretha; gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke baperofeti, fa a tlaa bidiwa Monasara.