Nahum 1:1-15 TSW1908 - Bible AI

1Molaetso ka ga Ninefe. Lokwalo lwa ponatshegelo ya ga Nahume wa Moelekoše.

2Jehofa ke Modimo o o lefufa, mme o a busolosa; Jehofa o a busolosa, mme o tletse bogale; Jehofa o ipusolosetsa baganetsi ba gagwe, o bolokela baba ba gagwe bogale.

3Jehofa o bonya go galefa, o mogolo mo nonofong, mme ga a ketla a atlholela yo o molato gope; Jehofa o na le tsela ya gagwe mo setsuatsueng le mo ledimong, mme maru ke lorole lwa dinao tsa gagwe.

4O tle a kgalemele lewatle, a le tšhese, mme a kgadise dinoka tsotlhe; Bašana a topetege le Karemela, le sethunya sa Lebanone se topetege.

5Dithaba di a mo tlakaselela, le makhubu a tlhapologe, lefatshe le gogomoge fa pele ga gagwe, ee, lobopo le tsotlhe tse di agileng mo go lone.

6E mang yo o ka emang fa pele ga kgakalo ya gagwe? E mang yo o ka nnang mo tšhakgalong ya bogale jwa gagwe? Tšhakgalo ya gagwe e goromediwa jaaka molelo, le mafika a phatlakanngwe ke ene.

7Jehofa o molemo, ke kago e e thata ya phemelo mo motlheng wa tlalelo; mme o itse ba ba mo ikanyang.

8O tlaa fedisetsa ruri felo ga one motse ka morwalela o o penologang, baba ba gagwe o tlaa ba konatelela mo lefifing.

9Ana lo tlhatlhanya eng ka ga Jehofa? O tlaa fedisetsa ruri; patikego ga e ketla e tsoga lwa bobedi.

10Gonne le fa ba ntse jaaka mitlwa e e nganaganyeng, le fa ekete ba itlopetse ka go nwa ga bone, ba tlaa lailelwa ruri jaaka dirite tse di omeletseng.

11Go dule mongwe mo go wena yo o tlhatlhanyang bosula ka ga Jehofa, yo o gakololang boikepo.

12Go bua jaana Jehofa, a re: “Le fa ba tletse nonofo, ba bile ba le bantsi, ba tlaa rengwa fela jalo, mme o tlaa fetela koo. Le fa ke go patikile ga nketla ke tlhola ke go patika.

13Jaana ke tlaa roba jokwe ya gagwe ke e tlosa mo go wena, ke tlaa komoganya dikgolego tse di go golegileng.”

14Jehofa o ntshitse taolo ka ga gago, gore go se tlhole go jalwa ga leina la gago: “Ke tlaa kgaola ke tlosa mo ntlong ya medimo ya gago setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng; ke tlaa go direla phupu, gonne o maswe thata.”

15Bonang, mo dithabeng go tla dinao tsa yo o tlang le mafoko a a molemo, yo o bolelang kagiso! Tshegetsa mediro ya gago wena Juta, o tlhomamise maikano a gago, gonne motho wa boikepo ga a ketla a tlhola a go ralala; o kgaoletswe ruri.

Bible Society of South Africa, 1908
div>