Numbers 12:1-16 TSW1908 - Bible AI

1Miriame le Arone ba gobolola Moše ka ntlha ya mosadi wa Sekuše yo o neng a mo nyetse; gonne o ne a nyetse mosadi wa Sekuše.

2Ba re: “A ruri Jehofa o buile le Moše a le esi? A le rona ga a a bua le rona?” Jehofa a utlwa.

3Jaana monna yoo, Moše, a bo a le boikokobetso thata go feta batho botlhe ba ba neng ba le mo lefatsheng.

4Jehofa a bua le Moše le Arone le Miriame ka tshoganetso, a re: “Tswelang kwa mogopeng wa bophuthegelo loo bararo.” Ba tswa boo bararo.

5Jehofa a fologa a le mo mosipuring wa leru, a ema fa mojakong wa Mogope, a bitsa Arone le Miriame, mme ba tswa boo babedi.

6A re: “Utlwang jaana mafoko a me. Fa go na le moperofeti mo go lona, nna Jehofa ke tlaa mo ikitsise ka ponatshegelo, ke tlaa bua nae ka toro.

7Motlhanka wa me Moše, ene ga a a nna jalo; o boikanyo mo ntlong ya me yotlhe fela.

8Ene ke tlaa buisanya nae molomo le molomo, e bong ka mo go bonalang, e seng mo dipuong tse di lotobo; popego ya ga Jehofa o tlaa e bona; ana lo ne lo sa boifeleng go gobolola motlhanka wa me, go gobolola Moše?”

9Bogale jwa ga Jehofa jwa ba tukela; mme a tsamaya.

10Leru la tloga mo godimo ga Mogope, ga fitlhelwa Miriame a le lepero, a le mosweu jaaka kapoko; Arone a leba Miriame, a bona a le lepero.

11Arone a raya Moše a re: “Morena wa me, ke a go rapela, o se ka wa baya boleo jo mo go rona, gonne re dirile ka bosilo le ke gonne re leofile.

12Ke a go rapela, a a se nne jaaka moswi, yo bontlhanngwe jwa nama ya gagwe bo jegileng a sa tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe.”

13Moše a goela kwa go Jehofa a re: “Modimo, ke a go rapela, a ko o mo fodise.”

14Mme Jehofa a raya Moše, a re: “Fa rraagwe a ka bo a mo kgwetse mathe fela mo sefatlhogong, a ga a ka bo a nna ditlhong ka malatsi a supa? A a tswalelwe kwa ntle ga bothibelelo ka malatsi a supa, morago ga moo o tlaa ba a leriwe gape mo teng.”

15Miriame a tswalelwa kwa ntle ga bothibelelo ka malatsi a supa; batho ba se ka ba tsamaya Miriame a ise a leriwe gape mo teng.

16Morago ga moo batho ba tloga ba tswa mo Haserothe, ba ya ba thibelela mo nageng ya Parane.

>