Proverbs 10:1-32 TSW1908 - Bible AI

1Diane tsa ga Solomone. Mosimane yo o botlhale o itumedisa rraagwe, mme mosimane yo o seeleele ke khutsafatso ya ga mmaagwe.

2Dikhumo tsa boikepo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong.

3Jehofa ga a ketla a leseletsa mowa wa mosiami go nna mo logabeng, mme o kgoromeletsa keletso ya moikepi koo.

4Motho yo o dirang ka seatla se se bolea o tle a humanege, mme seatla sa yo o tlhoafetseng se a humisa.

5Yo o kokoanyang go le selemo ke ngwana wa mosimane yo o botlhale, mme yo o robalang mo motlheng wa thobo ke ngwana wa mosimane yo o tlhabisang ditlhong.

6Masego a mo tlhogong ya mosiami, mme thubako e bipa moikepi molomo.

7E sego kgakologelo ya mosiami, mme leina la moikepi le tlaa bola.

8Yo o pelo e e botlhale o tle a tshole ditaolo, mme lesilo le le balabalang le tlaa wa.

9Yo o tsamayang ka thokgamo o tsamaya ka tlhomamo, mme yo o sokamisang tsela ya gagwe o tlaa itsiwe.

10Yo o gwetlhang ka leitlho o tsosa bohutsana, mme seeleele se se balabalang se tlaa wa.

11Molomo wa mosiami ke motswedi wa botshelo, mme bothubako bo bipa moikepi molomo.

12Kilo e tsosa dikgang, mme lorato lo bipa ditlolo tsotlhe.

13Mo dipounameng tsa yo o nang le tlhalemalejo go fitlhelwa botlhale, mme thupa e lebanye mokotla wa yo o se nang tlhaloganyo.

14Batho ba ba botlhale ba boloka kitso, mme molomo wa seeleele ke tshenyego e e fa gaufi fela.

15Khumo ya mohumi ke yone motse wa gagwe o o thata, se se senyang bahumanegi ke lehuma la bone.

16Letsapa la mosiami le isa kwa botshelong; totafalelo ya moikepi e isa boleong.

17Yo o elang kwatlhao tlhoko o mo tseleng ya botshelo, mme yo o latlhang kgalemelo o a timela.

18Yo o lobang kilo o dipounama tse di akang, mme yo o utlwatsang tshebo o seeleele.

19Mo bontsing jwa mafoko ga go ko go tlhokafala tlolo, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o botlhale.

20Loleme lwa mosiami lo ntse jaaka selefera se se tlhophegileng, mme pelo ya moikepi e molemo o monnye fela.

21Dipounama tsa mosiami di otla batho ba bantsi, mme masilo a swa ka go tlhoka tlhaloganyo.

22Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.

23Go ntse jaaka tshameko fela mo mothong wa seeleele go dira boikepo, mme botlhale bo ntse jalo mo mothong wa tlhaloganyo.

24Poifo ya moikepi e tlaa tla mo go ene, mme keletso yo mosiami o tlaa e newa.

25E re fa setsuatsue se feta, moikepi a ba a sa tlhole a leyo, mme mosiami ke motheo wa bosaenkae.

26Jaaka bojalwa jo bo bodila mo menong, le jaaka mosi mo matlhong, motho yo o bobodu o ntse jalo mo go ba ba mo romang.

27Go boifa Jehofa go oketsa malatsi, mme dinyaga tsa moikepi di tlaa khutsafadiwa.

28Tsholofelo ya mosiami e tlaa nna boitumelo, mme tebelelo ya moikepi e tlaa nyelela.

29Tsela ya ga Jehofa ke kago e e thata ya phemelo mo mosiaming, mme ke tshenyo mo go ba ba dirang boikepo.

30Mosiami ga a ketla a sutisiwa gope, mme moikepi ga a ketla a aga mo lefatsheng.

31Molomo wa mosiami o ntsha botlhale, mme loleme lo lo lesoko lo tlaa kgaolwa.

32Dipounama tsa mosiami di itse se se lebosegang, mme molomo wa moikepi o bua tse di lesoko fela.

e>