Proverbs 27:1-27 TSW1908 - Bible AI

1O se ka wa ipelafatsa ka ga ka moso, gonne ga o itse se letsatsi le tlaa se ntshang.

2A motho o sele a go bake, e seng molomo wa gago; motho wa moeng, e seng dipounama tsa gago.

3Lentswe le bokete le mošawa o boima; mme kgakatsego ya lesilo e bokete bogolo go tsone tsoo pedi.

4Kgakalo e bolalome, le bogale ke phophomo fela; mme e mang yo o nonofileng go ema fa pele ga lefufa?

5Kgalemo e e bonatshegang e molemo bogolo go lorato lo lo subegileng.

6Ditlhabo tse di ntshitsweng ke tsala di boikanngo; mme dikatlo tsa mmaba di dintsi bobe.

7Motho yo o kgotsheng o tle a gatake lomepa lwa dinotshe ka dinao, mme mo mothong yo o bolawang ke tlala sengwe le sengwe se se botlhoko se monate fela.

8Jaaka nonyane e e timelwang ke setlhaga sa yone, motho yo o timelwang ke felo ga gagwe o ntse jalo.

9Setlolo le dinkgisa monate, di itumedisa pelo; monate wa tsala ya motho o o tswang kgakololong e e leng yone, o dira fela jalo.

10E e leng tsala ya gago, le tsala ya ga rraago, o se ka wa di latlha, o se ye kwa ntlong ya morwa rraago mo motlheng wa tatlhego ya gago; oo rra motho yo o fa gaufi o gaisa morwa rra motho yo o kwa kgakala.

11Morwaaka, o tlhalefe, o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.

12Motho yo o bonokopela o bona jone bosula, mme a iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela ba utlwe botlhoko ka gone.

13Tsaya seaparo sa yo o leng moemedi wa moeng; mme o tseye ene peelo yo o leng moemedi wa mosadi yo o leng o sele.

14Yo o phakelelang go baka tsala ya gagwe ka lentswe le legolo, go tlaa kaiwa gore ke phutso mo go ene.

15Go le go rothela ruri ka letsatsi la pula e tona, le mosadi yo o omanang go tshwana fela.

16Yo o ratang a ka bo a kganela mosadi, o kganela phefo fela, mme seatla sa gagwe se segolo se rakana le lookwane.

17Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.

18Motho yo o bolokang setlhare sa mofeige o tlaa ja loungo lwa sone; le yo o direlang mong wa gagwe o tlaa tlotlwa.

19Jaaka mo metsing sefatlhogo se tshwantsha sefatlhogo, pelo ya motho e ntse jalo mo mothong yo mongwe.

20Bobipo le Bosenyegelo ga di ke di kgora gope, le matlho a motho ga a ke a kgora gope.

21Pitsa e e tlhapolosang ke ya selefera, le leiso la leubelo ke la gouta, le motho o lekwa ke se o bakwang ka ga sone.

22Le fa o tlhobola lesilo ka motshe le mabele a a setlwang mo kikeng, le fa go ntse jalo boeleele jwa lone ga bo ketla bo le tlogela.

23O tlhoafalele go itse matsomane a gago ka fa a ntseng ka gone; o bo o tlhokomele matlhape a gago thata;

24gonne dikhumo ga di nne ka bosakhutleng; le e leng serwalo sa bogosi a se tle se nne go ya tshikatshikeng tsotlhe?

25Bojang jwa tshwabi bo a rorwa, mme loreme lo setoge, e bile merogo ya kwa dithabeng e tle e phuthelwe gae.

26Dikwanyana di ruetswe go nna diaparo tsa gago, le dipodi ke tlhwatlhwa ya lotlhagare;

27mme go tlaa nna maši a dipodi a a lekanyeng go jewa ke wena, le ke ba ntlo ya gago, le go nna kotlo ya barweetsana ba gago.

e>