Psalms 12:1-8 TSW1908 - Bible AI

1Thusa Jehofa; gonne mmoifa Modimo o a khutla; gonne ba ba ikanyegang ba a tlhaela mo baneng ba batho.

2Ba bua boithamako, mongwe le mongwe le wa ga gabo; ba bua ka dipounama tse di hakang le ka pelo e e leng pedi.

3Jehofa o tlaa kgaola dipounama tsotlhe tse di hakang, e bong loleme lo lo buang dilo tse dikgolo;

4ba ba rileng: “Re tlaa fenya ka loleme lwa rona; dipounama ke tsa rona fela; e mang yo e leng morena godimo ga rona?”

5“Jaanong, ke tlaa tloga ke tsogela kgapelo ya bahumanegi, le phegelo ya batlhoki,” go bua Jehofa; “mme ene yo ba mo budulang ke tlaa mmaya mo polokegong.”

6Mafoko a ga Jehofa ke mafoko a a itshekileng; a ntse jaaka selefera se se lekilweng mo boubelong mo mmung, se itshekisitswe ga supa.

7Wena, Jehofa o tlaa ba boloka, o tlaa ba dibela mo losikeng lo ka bosakhutleng.

8Baikepi ba tsamayatsamaya ka ntlha tsotlhe mogang bomaswe bo godisiwang mo baneng ba batho.

Bible Society of South Africa, 1908
/div>