Psalms 120:1-7 TSW1908 - Bible AI

1E rile ke le mo pitlaganong ka tlhaeleletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba.

2Jehofa, golola mowa wa me mo dipounameng tse di akang, le mo lolemeng lo lo boferefere.

3Wena loleme lo lo boferefere, o tlaa newa eng? Kgotsa o tlaa dirwa eng gape?

4Metswi e e bogale ya ba ba dinatla, e na le magala a mokala.

5A bo go latlhega nna, ka ke jakile mo Mešeke, ka ke agile mo megopeng ya Ketare.

6Mowa wa me ga o bolo go aga le ene yo o ilang kagiso.

7Nna ke rata kagiso; mme fa ke bua, bone ba rata ntwa fela.