Psalms 123:1-4 TSW1908 - Bible AI

1Ke tsholeletsa matlho a me kwa go wena, wena yo o dutseng mo magodimong.

2Bonang, jaaka matlho a batlhanka a tle a lebe seatla sa mong wa bone; jaaka matlho a lelata a tle a lebe seatla sa mohumagadi wa lone; jalo matlho a rona a leba Jehofa Modimo wa rona, a ba a tle a re utlwele botlhoko.

3Re utlwele botlhoko, Jehofa, re utlwele botlhoko; gonne re tladitswe lonyatso mo go feteletseng.

4Mowa wa rona o tladitswe mo go feteletseng ka lesotlo la ba ba iketlileng fela, le ka lonyatso lwa ba ba pelompe fela.