Psalms 125:1-5 TSW1908 - Bible AI

1Bone ba ba ikantseng Jehofa, ba ntse jaaka thaba ya Sione e e sa ka keng ya tshikinngwa, mme e nnetse ruri ka bosakhutleng.

2Jaaka dithaba di dikanyeditse Jerusalema, Jehofa o dikanyeditse batho ba gagwe jalo go tloga fano gompieno go ya bosakhutleng.

3Gonne thobane ya bogosi ya boikepo ga e ketla e nna mo kabelong ya basiami; gore basiami ba se ka ba otlololela diatla tsa bone kwa boikepong.

4Jehofa, ba ba molemo, a o ko o ba direle molemo, le ba ba dipelo di thokgameng.

5Ka ga ba ba fapogelang kwa mekgweng ya bone e e kgopameng, Jehofa o tlaa ba gogela koo le badiri ba boikepo. Kagiso a e nne le Iseraele.