1A Iseraele a bue jaana, a re: “Ba sa le ba ntlhokofatsa gantsintsi, le mo bokaung jwa me go tla nakong eno;
2ba sa le ba ntlhokofatsa gantsintsi mo bokaung jwa me go tla nakong eno; le fa go ntse jalo ga ba ise ba mphenye.
3Balemi ba lemile mokotla wa me; ba lelefatsa meralo ya bone.”
4Jehofa o tshiamo, o kgaotse dikgole tsa baikepi.
5Botlhe ba ba ilang Sione a ba tlhajwe ke ditlhong, mme ba busediwe kwa morago.
6A ba nne jaaka bojang jo bo mo godimo ga matlo, jo bo omelelang bo ise bo gole;
7jo mokgetli o sa tlatseng seatla sa gagwe ka jone, le yo o bofang dingata o sa tlatseng sehuba ka jone;
8le ba ba fetang ga ba ke ba bua ba re: “Tshegofatso ya ga Jehofa e nne mo go lona; re lo segofatsa mo ineng la Jehofa.”