Psalms 132:1-18 TSW1908 - Bible AI

1Jehofa, o gopolele Dafite patiko yotlhe ya gagwe;

2jaaka a ne a ikanela Jehofa, a ikanela Mothata wa ga Jakobe, a re:

3“Ruri ga nketla ke tsena mo mogopeng wa ntlo ya me, le fa e le go ya mo bolaong jwa me;

4ga nketla ke naya matlho a me boroko, le fa e le dintshi tsa me go bokalala;

5go bo go tsamaye ke bonele Jehofa bonno, ke bonele Mothata wa ga Jakobe motlaagana.”

6Bonang, re go utlwaletse kwa Eferatha; ra go fitlhela kwa nageng ya Jaare.

7“Re tlaa tsena mo metlaaganeng ya gagwe; re tlaa obama fa sebeong sa dinao tsa gagwe.

8Jehofa, a ko o tsogele mo bonnong jwa boikhutso jwa gago; wena le letlole la thata ya gago.

9A baperesiti ba gago ba apesiwe tshiamo; a baitshepi ba gago ba duduetse ka boitumelo.”

10Ka ntlha ya ga Dafite motlhanka wa gago, o se ka wa hulatsha sefatlhogo sa motlodiwa wa gago.

11Jehofa o ikanetse Dafite ka boammaaruri; ga a ketla a bo tlhanogela a re: “Ke tlaa nnisa loungo lwa mmele wa gago mo setulong sa gago sa bogosi.

12E tlaa re fa bana ba gago ba boloka kgolagano ya me, le tshupo ya me e ke tlaa e ba rutang, bana ba bone le bone, ba tlaa nna mo setulong sa gago sa bogosi ka bosakhutleng.”

13Gonne Jehofa o ikgethetse Sione; o go eleleditse go nna boago jwa gagwe. A re:

14“Fa, ke jone bonno jwa boikhutso jwa me ka bosakhutleng; fa, ke gone fa ke tlaa nnang gone, gonne ke go eleditse.

15Ke tlaa segofatsa dijo tsa gagwe tsa dibolokelo thatathata; ke tlaa kgorisa bahumanegi ba gagwe ka dijo.

16Baperesiti ba gagwe le bone, ke tlaa ba apesa poloko; baitshepi ba gagwe ba tlaa duduetsa thata ka boitumelo.

17Ke tlaa kukuntsha lonaka lwa ga Dafite gone; ke baakanyeditse motlodiwa wa me lobone.

18Baba ba gagwe ke tlaa ba apesa ditlhong; mo go ene ka esi, serwalo sa gagwe sa bogosi se tlaa galalela.”

>