Psalms 134:1-3 TSW1908 - Bible AI

1Bonang, lo bakeng Jehofa, lona lotlhe batlhanka ba ga Jehofa, ba e a reng bosigo lo bo lo eme mo ntlong ya Jehofa.

2Tsholeletsang diatla tsa lona kwa felong ga boitshepo, mme lo bake Jehofa.

3A Jehofa a go segofatse a le mo Sione; e bong ene yo o dirileng legodimo le lefatshe.