Psalms 136:1-26 TSW1908 - Bible AI

1A ko lo ntshetseng Jehofa malebogo; gonne o molemo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

2A ko lo ntshetseng Modimo wa medimo malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

3A ko lo ntshetseng Morena wa barena malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

4Ene yo o dirang dikgakgamatso a le esi; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

5Ene yo o dirileng magodimo ka tlhaloganyo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

6Ene yo o phutholotseng lefatshe mo godimo ga metsi; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

7Ene yo o dirileng masedi a magolo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

8Letsatsi, gore le laole motshegare; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

9Kgwedi le dinaledi gore di laole bosigo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

10Ene yo o iteileng Egepeto ka lotsalwapele lwa bone; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

11A ntsha Iseraele mo gare ga bone; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

12ka seatla se se thata, le ka letsogo le le otlologileng; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

13Ene yo o neng a kgaoganya Lewatle le Lehibidu fa gare; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

14A tlolagantsha Iseraele fa gare ga lone; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

15A ribegetsa Faro le ntwa ya gagwe mo Lewatleng le Lehibidu; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo ema ka bosakhutleng.

16Ene yo o neng a goga batho ba gagwe a ba ralatsa naga fela; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

17Ene yo o neng a itaya dikgosi tse dikgolo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

18A bolaya dikgosi tse di tumileng; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

19Sihone, kgosi ya Baamora; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

20Le Oge, kgosi ya Bašane; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

21A aba lefatshe la bone go nna boswa; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

22E bong boswa jwa ga Iseraele, motlhanka wa gagwe; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

23Ene yo o re gopotseng re phophoregetswe; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

24O bile o re golotse mo baganetsing ba rona; gonne boutwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

25O fa dilo tsotlhe dijo; gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.

26A ko lo ntshetseng Modimo wa legodimo malebogo; gonne boutlwelobotlhoko jwa one bo eme ka bosakhutleng.

>