Psalms 140:1-13 TSW1908 - Bible AI

1Jehofa, a ko o nkgolole mo mothong yo o bosula; ntibela mo mothong yo o thubakang.

2Ba ba tlhatlhanyang bosenyi mo pelong tsa bone; ba tlhola ba ntse ba phuthegela ntwa ka gale.

3Ba looditse loleme lwa bone jaaka noga; botlhoko jwa šaušawane bo ka fa tlase ga dipounama tsa bone. Sela.

4Jehofa, mpoloka mo diatleng tsa baikepi; ntibela mo mothong yo o thubakang; ba ba ikaeletseng gore ba tlaa faposa dikgato tsa me.

5Bapelompe ba ntshubetse mutlwane le megala; ba adile lotloa ka fa tseleng; ba nthaetse ka diru. Sela.

6Ka raya Jehofa ka re: “O Modimo wa me;” sekegela lentswe la mekokotlelo ya me tsebe, Jehofa.

7Modimo Morena, thata ya poloko ya me, o khurumeditse tlhogo ya me mo letsatsing la tlhabano.

8Jehofa o se ka wa naya moikepi dikeletso tsa gagwe; o se ka wa tsweleletsa pele maano a gagwe a bosula; ba ka tla ba ikgodisa. Sela.

9Ka ga tlhogo ya ba ba ntikanyetsang, a bosenyi jwa dipounama tsa bone bo ba bipe.

10A magala a a tukang a wele mo go bone; a ba latlhelwe mo molelong; mo mekoleng e e boteng, gore ba se ka ba tlhola ba tsoga.

11Motho yo o buang bosula ga a ketla a tlhomamisiwa mo lefatsheng; bosula bo tlaa tsoma yo o thubakang go mo ribegetsa.

12Ke a itse fa Jehofa a tlaa emela kgang ya yo o patikwang, le tshiamo ya motlhoki.

13Ruri mosiami o tlaa ntshetsa leina la gago malebogo; mothokgami o tlaa aga fa pele ga gago.

>