Psalms 141:1-10 TSW1908 - Bible AI

1Jehofa, ke goetse koo go wena; a ko o nkakofele; sekegela lentswe la me tsebe mogang ke go bitsang.

2A morapelo wa me o rangwe fa pele ga gago jaaka maswalo; go tsholediwa ga diatla tsa me e nne jaaka setlhabelo sa maitsebowa.

3Jehofa a ko o beye tebelo fa pele ga molomo wa me; disa setswalo sa dipounama tsa me.

4O se ka wa sokololela pelo ya me kwa go sepe se se bosula go tla e dira ditiro tsa tshiamololo le banna ba ba dirang boikepo; mme a nke ke se ka ka akola nabo ka tse di metsegang tsa bone.

5A mosiami a ntiteye, e tlaa bo e le pelonomi fela; a nkomanye, e tlaa bo e le jaaka fa lookwane lo thelwa mo tlhogong ya me; a tlhogo ya me e se lo gane; gonne le mo boikepong jwa bone, morapelo wa me o tlaa tswelelela pele fela.

6Fa baatlhodi ba bone ba digelwa ka fa mapaweng, ba tlaa utlwa mafoko a me fa a le monate.

7Jaaka fa motho a lema a fatola mmu, marapo a rona a gasame fa mojakong wa phupu.

8Gonne matlho a me a koo go wena Modimo, Morena; ke ikanya mo go wena; se tlogele mowa wa me o iphotlhere fela.

9Ntibela mo mutlwaneng o ba o mpeetseng, le mo dirung tsa ba ba dirang boikepo.

10A baikepi ba wele mo ditloeng tsa bone ka bosi, ka nna ke falola fela ba le foo.

>