Psalms 142:1-7 TSW1908 - Bible AI

1Ke tlhaeleletsa kwa go Jehofa ka lentswe la me; ke isa mokokotlelo kwa go Jehofa ka lentswe la me.

2Ke gorometsa boitoko jwa me fa pele ga gagwe; ke supa tlalelo ya me fa pele ga gagwe.

3E rile mowa wa me o phikame mo teng ga me, wa bo o itse tsela ya me fela. Mo tseleng e ke tsamayang mo go yone ba ntshubetse mutlwane.

4Leba ka fa ntlheng ya letsogo la me le legolo, mme o bone; gone ga go na ope yo o nkitseng; ke tlhaetswe ke botshabelo; ga go motho ope yo o dirang sepe ka mowa wa me.

5Ke ne ka tlhaeleletsa koo go wena, Jehofa, ka re: “O botshabelo jwa me, le kabelo ya me, mo lefatsheng la batshedi.”

6Ela go goa ga me tlhoko, gonne ke ngotlilwe thata; nkgolola mo babogising ba me; gonne ba thata bogolo go nna.

7Ntsha mowa wa me mo ntlong ya kgolegelo, gore ke ntshetse leina la gago malebogo; basiami ba tlaa ntikanyeletsa; gonne o tlaa ntirela sentle ka pelo mo go feteletseng.