Psalms 144:1-15 TSW1908 - Bible AI

1A go bakwe Jehofa, lefika la me, yo o rutang diatla tsa me go dira ntwa, le menwana ya me go tlhabana.

2Bopelonomi jwa me jwa lorato, le kago ya me ya phemelo; kago e e godileng thata ya me ya phemelo le mogolodi wa me; thebe ya me e bile ke ene yo ke mo ikanyang; yo o fenyetsang batho ba me kwa tlase ga me.

3Jehofa, kana motho e be e le eng fa e bo ne ne o mo tlhokometse jaana? Le morwa motho fa e bo ne ne o mo kaya e le sengwe jaana?

4Motho o ntse jaaka lefela fela; malatsi a gagwe a ntse jaaka moriti o o fetelang koo.

5Jehofa, oba magodimo a gago, mme o fologe, ama dithaba, mme di tlaa kua mosi.

6Gadimisa dikgadima, o ba phatlalatse; ntsha metswi ya gago, o ba alole.

7Otlolola seatla sa gago o le koo godimo; mphamola, o ntshwatole mo metsing a magolo, mo seatleng sa baeng;

8ba melomo ya bone e buang boithamako; le seatla sa bone se se siameng ke seatla se se siameng sa maaka.

9Modimo, ke tlaa go opelela sefela se seša; ke tlaa go opelela dipako ka seletso se se megala e le some.

10Ke one o o nayang dikgosi poloko; o o falodisang Dafite, motlhanka wa one mo tšhakeng e e utlwisang botlhoko.

11Mphalodisa, o nkgolole mo seatleng sa baeng ba molomo wa bone o buang boithamako, ba seatla sa bone se se siameng e leng seatla se se siameng sa maaka.

12E tlaa re bomorwaa rona ba nna jaaka ditlhatshana tse di godileng mo bokaung jwa bone; le bomorwadia rona ba nna jaaka maje a kgokgotsho, a a betlilweng ka fa mokgweng wa ntlo ya segosi;

13e tlaa re matlo a rona a polokelo a tletse, go fitlhelwa dithoto di le methalethale mo go one; le manku a rona a tsala makgolokgolo mo mebileng ya rona;

14e tlaa re dipelesa tsa rona di belesitse thata; e tlaa re go tlhagela mo teng le go thobela kwa ntle go seyo, mme go se na legalo mo mebileng ya rona;

15go bo go le sego tšhaba e e mo boemong jo bo ntseng jalo; ee, go sego tšhaba e Modimo wa yone e leng Jehofa.

>