Psalms 146:1-10 TSW1908 - Bible AI

1Bakang Jehofa, baka Jehofa, wena mowa wa me.

2Ke tlaa nna ke baka Jehofa ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa opelela Modimo wa me dipako ka ke sa ntse ke leyo.

3Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.

4Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.

5Go sego ene yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo tsholofelo ya gagwe e leng mo go Jehofa Modimo wa gagwe;

6o o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone; o o tshegetsang boammaaruri ka bosakhutleng;

7O o diraletsang bapatikwi tshiamiso; o o fang ba ba bolawang ke tlala dijo; Jehofa o golola bagolegwi.

8Jehofa o budulola matlho a difofu; Jehofa o topalatsa ba ba obameng; Jehofa o rata basiami.

9Jehofa o boloka baeng; o tshegetsa khutsana le mosadi wa motlholagadi; mme tsela ya moikepi a e ribege.

10Jehofa o tlaa busa ka bosakhutleng, e bong Modimo wa gago Sione, go ya tshikatshikeng tsotlhe fela. Bakang Jehofa.

>