Psalms 148:1-14 TSW1908 - Bible AI

1Bakang Jehofa, lo bakeng Jehofa lo le kwa magodimong; mmakeng mo mafelong a a godimo.

2Mmakeng lona lotlhe baengele ba gagwe; mmakeng lona lotlhe masomosomo a gagwe.

3Lo mmakeng letsatsi le kgwedi; lo mmakeng lona lotlhe dinaledi tsa lesedi.

4Mmakeng lona magodimo a magodimo, le lona metsi a lo leng kwa godimo ga magodimo

5A tsotlhe di bake leina la ga Jehofa; gonne o ne a laola, mme tsa tlholega.

6Le gone o di tlhomamiseditse bosakhutleng le bosaengkae; o tlhomile molao o o se ketlang o feta.

7Bakang Jehofa lo le mo lefatsheng, lona maruarua, le lona lotlhe madiba a a boteng;

8molelo le sefako; kapoko le mouwane, phefo e e matsubutsubu e e dirafatsang lefoko la gagwe;

9dithaba le dithabana tsotlhe; ditlhare tse di ungwang, le masetara otlhe;

10diphologolo le dikgomo tsotlhe; dilo tse di gagabang le dinonyane tse di fofang;

11dikgosi tsa lefatshe le ditšhaba tsotlhe; dikgosana le baatlhodi botlhe ba lefatshe;

12makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana;

13a ba bake leina la ga Jehofa; gonne leina la gagwe ke lone losi le le goletsegileng; kgalalelo ya gagwe e godimo ga lefatshe le legodimo.

14O goleditse lonaka lwa batho ba gagwe, pako ya baitshepi ba gagwe botlhe; e bong bana ba Iseraele, e le tšhaba e e gaufi le ene. Bakang Jehofa.

>