Psalms 21:1-13 TSW1908 - Bible AI

1Kgosi e tlaa itumela mo thateng ya gago Jehofa; e tlaa ipela mo gogolo jang mo polokong ya gago!

2O e neile keletso ya pelo ya yone, ga o a gana topo ya dipounama tsa yone. Sela.

3O e tletse pele ka masego a molemo; wa baya serwalo sa gouta e e bontle bogolo mo tlhogong ya yone.

4E go lopile botshelo, wa e bo naya; e bong boleele jwa malatsi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

5Kgalalelo ya yone e kgolo mo polokeng ya gago; o baya tlotlo le borena mo go ene.

6Gonne o dira gore a nne sego bogolo thata ka bosakhutleng; wa mo jesa monate ka boitumelo fa pele ga gago.

7Gonne kgosi e ikantse Jehofa; ka ntlha ya bopelonomi jwa lorato jwa Mogodimodimo ga e ketla e tshikinyega.

8Letsogo la gago le tlaa phoroma baba botlhe ba gago; letsogo la gago le legolo le tlaa phoroma ba ba go ilang.

9O tlaa ba dira jaaka leiso la mouba le le molelolelo mo motlheng wa bogale jwa gago. Jehofa o tlaa ba kometsa mo tšhakgalong ya gagwe, mme molelo o tlaa ba laila o ba nyeletsa.

10Loungo lwa bone o tlaa lo senya lo tswa mo lefatsheng, le losika lwa bone lo tswa mo baneng ba batho.

11Gonne ba ne ba laotse bosula ka ga gago; ba loga maano a ba sa nonofang go a dirafatsa.

12Gonne o tlaa ba retolola, O itse go laelela sefatlhogo sa bone ka megala ya bora jwa gago.

13O nne o goletsege, Jehofa, ka thata e e leng ya gago; jalo re tlaa opela, re ba re baka nonofo ya gago.