Psalms 32:1-11 TSW1908 - Bible AI

1Go sego ene yo tlolo ya gagwe e itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng.

2Go sego motho yo Jehofa o sa mmaleleng boikepo, le yo tsietso e seyong mo moweng wa gagwe.

3E rile ke didimetse, marapo a me a onala ka go bokolela ga me ka letsatsi lotlhe.

4Gonne seatla sa gago se ne se le boima mo go nna motshegare le bosigo; longola lwa me lwa fetoga jaaka ekete komelelo ya selemo.

5Ke ne ka go ipolelela boleo jwa me, le boikepo jwa me ga ke a bo fitlha. Ke rile: “Ke tlaa ipolelela Jehofa ditlolo tsa me,” mme wa itshwarela molato wa boleo jwa me. Sela.

6Ka ntlha ya gone mo, a mongwe le mongwe yo e leng moetsa Modimo a go rapele mo motlheng o o ka bonwang ka one; ruri motlhang metsi a magolo a penologang ga a ketla a ba a fitlha kwa go ene.

7Wena o boitshubelo jwa me; o tlaa ntibela mo khuduegong; o tlaa ntikanyeletsa ka meduduetso ya kgololego. Sela.

8Ke tlaa go laya ke go ruta tsela e o tlaa tsamayang ka yone; ke tlaa go gakolola, leitlho la me le ntse le le mo go wena.

9Se nneng jaaka pitse le fa e le jaaka mmoulo, tse di se nang tlhaloganyo; tse go apara ga tsone e tshwanetseng go nna tshipi le dikgole go di thiba, ka di ka tla tsa gana go go atamela.

10Mahutsana a le mantsi a tlaa nna mo moikeping; ene yo o ikanyang Jehofa, boutlwelobotlhoko bo tlaa mo dikanyeletsa.

11Itumeleng mo go Jehofa, lo bo lo ipele lona basiami; duduetsang ka boitumelo lona lotlhe ba lo leng thokgamo mo pelong.