Psalms 39:1-13 TSW1908 - Bible AI

1Ke rile: “Ke tlaa tlhokomela ditsela tsa me gore ke se ka ka leofa ka loleme lwa me; ke tlaa kganela molomo wa me ka mogala, fa moikepi a sa ntse a le fa pele ga me.”

2Ka nna semumu ka go tuulala, ka didimalela le se se molemo; bohutsana jwa me jwa kgoberega.

3Pelo ya me ya nna molelo mo teng ga me; ya re ke sa ntse ke tlhatlhanya, molelo wa ba wa tuka; foo ka bua ka loleme lwa me ka re:

4“Jehofa, nkitsise bofelelo jwa me, le selekanyo sa malatsi a me, gore ke eng; a nke ke itse gore bomotlhošwana jwa me bo kana ka jwa eng.

5Bona, o lekantse malatsi a me jaaka dikatlhamo tsa seatla; go tshela ga me go ntse jaaka ga se sepe fa pele ga gago; ruri motho mongwe le monge le a le mo boemong jo bo gaisang, ke lefela gotlhe fela.

6Ruri motho mongwe le mongwe o tsamaya jaaka moriti fela; ruri ba tlhobaediwa ke lefela; o tle a koele mahumo, mme ga a itse yo o tlaa a swelang molemo.

7Mme jaana Morena, ke lebeletse eng? Tsholofelo ya me e mo go wena.

8Nkgolola mo ditlolong tsa me tsotlhe; o se ka wa ntira sekgobo sa dieleele.

9Ke ne ke le semumu, ga ke a ka ka tswa molomo, ka gobo go dirile wena.

10Tlosa petso ya gago mo go nna; ke nyeleditswe ke titeo ya seatla sa gago.

11E tle e re fa o otlhaela motho boikepo jwa gagwe ka dikgalemo, o tle o nyeletse bontle jwa gagwe jaaka tshwele; ruri motho mongwe le mongwe ke lefela. Sela.

12Utlwa morapelo wa me, Jehofa; beela go gowa ga me tsebe; o se ka wa didimalela dikeledi tsa me, gonne ke moeng fela wa gago, ke mojaki fela jaaka borraetsho botlhe ba ne ba ntse.

13A ko o nthekegele, gore ke tle ke rulwe, ke ise ke tswe mono, mme ke sa tlhole ke leyo.”