Psalms 45:1-17 TSW1908 - Bible AI

1Pelo ya me e penologa ka kgang e e monate; ke bua dilo tse ke di dirileng ka ga kgosi; loleme lwa me ke sekwala sa mokwadi yo o bofefo mo go kwaleng.

2O montle thata go gaisa bana ba batho; bopelotshweu bo tshetswe mo dipounameng tsa gago; ke gone ka mo Modimo o go segofaditseng ka bosakhutleng.

3Gatlha tšhaka ya gago ka fa nokeng ya gago, wena senatla, kgalalelo le borena ke tsa gago.

4Mo boreneng jwa gago o pagamela pele ka go rangwa ke dilo, ka ntlha ya boammaaruri, le bopelonomi, le tshiamo; seatla sa gago se segolo se tlaa go ruta dilo tse di boitshegang.

5Metswi ya gago e bogale; ditšhaba di wela fa tlase ga gago; e mo pelong ya baba ba kgosi.

6Setulo sa gago sa bogosi se ntse ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae; thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tekatekanyo.

7O ratile tshiamo, wa ila boikepo; ke gone ka mo Modimo, Modimo wa gago, o go tloditseng ka lookwane lwa boitumelo, go go fetisa dilekane tsa gago.

8Diaparo tsa gago tsotlhe di nkga mura, le mokgapha, le kasia; diletso tse di ditlhale di tswa mo matlong a dinaka tsa ditlou a kgosi, di go jesitse monate.

9Bomorwadia dikgosi ba gone mo basading ba ba tlotlegang ba gaeno; ka fa letsogong la gago le legolo go ema mohumagadi wa kgosi a apere gouta ya Ofira.

10Reetsa, morwadiaka, mme o gopole, o bo o sekege tsebe ya gago; le gone o lebale bagaeno le ntlo ya ga rraago.

11Jalo kgosi e tlaa eletsa bontle jwa gago; gonne ke ene morena wa gago; o obamele ene.

12Le morwadia Ture o tlaa bo a le gone a tshotse neo; le ba e leng bahumi mo bathong ba tlaa lopa letlhogonolo la gago.

13Morwadia kgosi mo teng ga ntlo ya kgosi o galalela gotlhe: diaparo tsa gagwe di logilwe ka go tlhakanngwa le gouta.

14O tlaa isiwa kwa kgosing a le mo diaparong tse di meroko mentle; le makgarebane, dilekane tsa gagwe tse di mo etleetsang, a tlaa isiwa kwa go wena.

15A tlaa isiwa ka boitumelo le ka boipelo; a tlaa tsena mo ntlong ya kgosi.

16Mo boemong jwa borraago go tlaa nna bana ba gago, ba o tlaa ba tlhomang go nna dikgosana mo lefatsheng lotlhe.

17Ke tlaa dira leina la gago gore le gakologelwe mo ditshikatshikeng tsotlhe; ke gone ka mo ditšhaba di tlaa go ntshetsang malebogo ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae.