Psalms 46:1-11 TSW1908 - Bible AI

1Modimo ke botshabelo jwa rona le thata, thuso e e gaufi thata mo tlalelong.

2Ke gone ka mo re se ketlang re boifa le fa lefatshe le ka fetoga, le fa dithaba di tshikinyega mo bogareng ga mawatle;

3le fa metsi a one a suma a kgaphasela, le fa dithaba di kutuma ka go ikgogomosa ga one. Sela.

4Noka e gone e dikelelo tsa yone di itumedisang motse wa Modimo, e bong felo ga boitshepo jwa metlaagana ya Mogodimodimo.

5Modimo o mo gare ga one; ga o ketla o tshikinngwa; Modimo o tlaa o thusa bo sa ntse bo anoga.

6Merafe e ne ya šakgala, magosi a tsebeetsega; wa ntsha lentswe la one, lefatshe la tlhapologa.

7Jehofa wa masomosomo o na le rona; Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela.

8Tlang, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, e bong ditšhwafatso tse o di dirileng mo lefatsheng.

9O khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe; o roba bora, o putlaganya lerumo ka bogare; o fisa dikara tsa tlhabano mo molelong.

10“Nang fela, mme lo itse fa ke le Modimo; ke tlaa godisiwa mo merafeng; ke tlaa godisiwa mo lefatsheng.”

11Jehofa wa masomosomo o na le rona; Modimo wa ga Jakobe ke botshabelo jwa rona. Sela.