Psalms 50:1-23 TSW1908 - Bible AI

1Modimo, o e leng Modimo, e bong Jehofa, o buile, o biditse lefatshe, go tswa botlhabatsatsi le go ya bophirima jwa lone.

2Modimo o phatsimile o le mo Sione o o bontle jo bo tletseng.

3Modimo wa rona o tlaa tla, mme ga o ketla o didimala; molelo o tlaa laila fa pele ga one. Mme go tlaa nna ledimo le legolo tikologong ya one.

4O tlaa bitsa magodimo kwa godimo, le lefatshe, gore o tle o atlhole batho ba one. O tlaa re:

5“Phuthelang baitshepi ba me kwa go nna; ba ba dirileng kgolagano le nna ka setlhabelo.”

6Mme magodimo a tlaa kakanya tshiamo ya one, gonne Modimo ke moatlhodi ka osi. Sela.

7“Utlwang batho ba me, ke tlaa bua; wena Iseraele, ke tlaa supa ka ga gago; ke nna Modimo, o ke leng Modimo wa gago.

8Ga nketla ke go omanya ka ntlha ya ditlhabelo tsa gago; ditshupelo tsa gago tse di fisiwang di ntse di le fa pele ga me ka gale.

9Ga nketla ke tsaya kgomo epe mo ntlong ya gago, le fa e le dipodi tse ditona mo marakaneng a gago.

10Gonne setshedi sengwe le sengwe sa sekgwa ke sa me, le dikgomo tse di nnang mo dithabeng tse di makgolo a le some.

11Dinonyane tsotlhe tsa dithaba, ke a di itse; le diphologolo tsa naga ke tsa me.

12Fa nkabo ke bolawa ke tlala, ke ne ke sa ka ke ka bolelela wena; gonne lobopo ke lwa me, le bojotlhe jwa lone.

13A ke a bo ke tlaa ja dinama tsa dipoo le fa e le go nwa madi a dipodi?

14Isetsa Modimo setlhabelo sa go leboga; o bo o lefele Mogodimodimo maikano a gago.

15E re mo letsatsing la tlalelo o mpitse; ke tlaa go golola mme o tlaa nkgalaletsa.”

16Mme moikepi, Modimo o mo raya o re: “Wena, o dirang ka go bolela melao ya me, fa e bo ne ne fano o tsere kgolagano ya me mo molomong wa gago?

17Ka e le fa o ila thuto, le mafoko a me o a latlhela kwa morago ga gago.

18E rile o bona legodu wa le dumelela, mme o ntse wa tlhakanela tiro le baakafadi.

19O naya molomo wa gago bosula; le loleme lwa gago lo baakanya tsietso.

20O a tle o dule o sebe ngwana wa ga rraago; o pateletse ngwana wa ga mmaago tota.

21Dilo tse o di dirile, mme ka didimala fela; wa itlhoma gore ke tshwana nao fela, mme ke tlaa go kgalemela, ke di rulaganya fa pele ga matlho a gago.

22Jaana elelelwang mo, lona ba lo lebalang Modimo, nka tla ka lo gagoganya, mme ga se ka ga nna ope yo o tlaa gololang;

23le fa e le mang yo o isang setlhabelo sa go ntsha malebogo, o a nkgalaletsa; mme ene yo o rulaganyang go tshela ga gagwe sentle ke tlaa mo supetsa poloka ya Modimo.”