Psalms 52:1-9 TSW1908 - Bible AI

1O ipelafaletsang mo bosenying, wena seganka? Boutlwelobotlhoko jwa Modimo bo nnetse ruri.

2Loleme lwa gago lo loga maano a boikepo tota; jaaka logare lo lo bogale, lo dira ka tsietso.

3O rata bosula bogolo go molemo; le go aka bogolo go go bua tshiamo. Sela.

4O rata mafoko otlhe a a senyang, wena loleme lo lo tsietsang.

5Modimo o tlaa go senya jalo ka bosakhutleng; o tlaa go tsaya o go phamola mo mogopeng wa gago, o tlaa go khumola ka metswe mo lefatsheng la batshedi. Sela.

6Basiami le bone ba tlaa go bona, ba boifa, mme ba tlaa mo tshega, ba re:

7“Bonang, monna yo, ke ene yo o neng a se ka a dira Modimo thata ya gagwe; mme a ikanya bontsi jwa dikhumo tsa gagwe, a ba a ithatafatsa mo boikepong jwa gagwe.”

8Mme ka ga me, ke tshwana le motlhware o motala mo ntlong ya Modimo: ke ikanya boutlwelobotlhoko jwa Modimo ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

9Ke tlaa go ntshetsa malebogo ka bosakhutleng, ka o go dirile; ke tlaa lebelela leina la gago, gonne le molemo, fa pele ga baitshepi ba gago.

Bible Society of South Africa, 1908
/div>