Psalms 57:1-11 TSW1908 - Bible AI

1Nkutlwela botlhoko Modimo, a ko o nkutlwele botlhoko; gonne mowa wa me o tshabela mo go wena; ee, ke tlaa tshabela mo moriting wa diphuka tsa gago, go tsamaya dithekisego tse di fete.

2Ke tlaa tlhaeleletsa kwa Modimong o o Mogodimodimo, e bong Modimo o o ntirelang dilo tsotlhe.

3O tlaa roma o le kwa legodimong, o mpoloka, mogang yo o ratang go nkometsa o nkgobang; Sela; o tlaa ntshetsa boutlwelobotlhoko jwa one le boammaaruri kwa ntle.

4Mowa wa me o mo ditaung; ke lala mo go ba ba tukang molelo, e bong bana ba batho, ba meno a bone a leng marumo fela le metswi; le ba loleme lwa bone e leng tšhaka e e bogale.

5Modimo, o goletsegele godimo ga magodimo; a kgalalelo ya gago e nne godimo ga lefatshe lotlhe.

6Ba baakanyeditse dikgato tsa me lotloa; mowa wa me o obegile; ba epile lemena fa pele ga me; bone ka bosi ba bile ba wetse mo gare ga lone. Sela.

7Pelo ya me e nitame, Modimo, pelo ya me e nitame; ke tlaa opela; ee, ke tlaa opela dipako.

8Tsoga kgalalelo ya me; saletare le harepe tsogang; nna ka nosi ke tlaa tsoga ka maphakela a magolo.

9Ke tlaa go ntshetsa malebogo Morena mo ditšhabeng; ke tlaa go opelela dipako mo merafeng.

10Gonne boutlwelobotlhoko jwa gago bo bogolo go ya go fitlha kwa magodimong, le boammaaruri jwa gago go ya go fitlha kwa godimodimo.

11Modimo, o goletsegele godimo ga magodimo; a kgalalelo ya gago e nne godimo ga lefatshe lotlhe.