Psalms 60:1-12 TSW1908 - Bible AI

1Modimo, o re latlhile, o re thubakile; o ntse o le bogale; a ko o bo o re rudise gape.

2O reketlisitse lefatshe; o le fatogantse; fodisa diphatogano tsa lone, ka le a roroma.

3O supeditse batho ba gago dilo tse di thata; o re nositse bojalwa jwa mofine jwa go theekedisa.

4Ba ba go boifang, o ba neile mokgele, gore o bonadiwe ka ntlha ya boammaaruri. Sela.

5Boloka ka seatla sa gago se segolo, mme o re arabe, gore moratwi wa gago a gololwe.

6Modimo o buile mo boitshepong jwa one; “Ke tlaa ja koma; ke tlaa kgaoganya Shekeme, ke tlaa lekalekanya molapo wa Sukothe.

7Gileate ke ga me, le Manase ke ga me, Eferaime le gone ke phemelo ya tlhogo ya me; Juta ke thobane ya me ya bogosi.

8Moabe ke mogopo wa me o o tlhapelang; setlhako sa me ke tlaa se latlhela mo Etome; wena Filisitia, goa ka ntlha ya me.”

9E mang yo o tlaa nkisang mo motseng o o thata? E mang yo o tlaa nkgogelang mo Etome?

10Wena, Modimo, a ga o a re latlha? Mme le gone Modimo, ga o ko o bolola le dintwa tsa rona.

11Re nee thuso go tlhabana le mmaba, gonne go thusa ga motho ke lefela.

12Re tlaa dira senna ka Modimo, ka e le one o o tlaa gatakang baba ba rona.