Psalms 63:1-11 TSW1908 - Bible AI

1Modimo, o Modimo wa me; ke tlaa go batla go sa le gale; mowa wa me o go nyoretswe, nama ya me e go tlhologeletswe, mo lefatsheng la lokgere lo lo lapisang, kwa metsi a seong gone.

2Ke go lebile jalo mo felong ga boitshepo, go bona thata ya gago le kgalalelo ya gago.

3Gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo bogolo go botshelo; dipounama tsa me di tlaa go baka.

4Jalo ke tlaa go baka ka ke sa ntse ke tshedile; ke tlaa tsholetsa mabogo a me mo ineng la gago.

5Mowa wa me o tlaa kgora jaaka fa go jelwe mmoko le monono; molomo wa me o tlaa go baka ka dipounama tse di itumelang;

6mogang ke go gakologelwang ke le mo bolaong jwa me, mme ke go akanya mo ditisong tsa bosigo.

7Gonne o ntse o le thuso ya me; mme ke tlaa itumela mo moriting wa diphuka tsa gago.

8Mowa wa me o go latela ka thata; seatla sa gago se se siameng se ntshegeditse.

9Mme ba ba tsomang mowa wa me go o senya, ba tlaa ya mo mafelong a lefatshe a a kwa tlase.

10Ba tlaa neelwa mo thateng ya tšhaka; ba tlaa nna seabe sa diphokoje.

11Kgosi e tlaa itumela mo Modimong; mongwe le mongwe yo o ikanang ka one o tlaa ja koma; gonne molomo wa ba ba buang maaka o tlaa thijwa.