Psalms 76:1-12 TSW1908 - Bible AI

1Mo Juta Modimo o a itsiwe; leina la one le legolo mo Iseraele.

2Le gone mo Saleme, motlaagana wa one o teng, le boago jwa one bo mo Sione.

3O ne wa robaka metswi ya bora teng, thebe le tšhaka le dibetsa tsa ntwa. Sela.

4O kgalalelo le tlotlomalo bogolo go thopo e e lefika.

5Ba ba pelotona ba gapetswe ba robetse boroko jwa bone; mme ga go na bape ba banna ba ba thata, ba ba bonyeng diatla tsa bone.

6Ka kgalemo ya gago Modimo wa ga Jakobe, kara ya tlhabano e na le pitse e digetswe boroko jwa kgonogo.

7Wena, e leng wena, o na le go boifiwa; mme mang yo o ka emang mo ponong ya gago mogang o galefang?

8O ne wa utlwatsa katlholo e e tlisang tefetso e tswa legodimong lefatshe la boifa, la ba la didimala fela,

9ka Modimo o ema go atlhola, gore o boloke bapelonomi botlhe ba lefatshe. Sela.

10Ruri bogale jwa motho bo tlaa go baka; mme makunantshana a a setseng a bogale o tlaa a bofelela mo go wena.

11Lo ikane, lo bo lo lefele Jehofa, Modimo wa lona; a botlhe ba ba mo ntlheng tsotlhe tsa gagwe ba tlisetse ene yo o tshwanetseng go boifiwa dineo.

12O tlaa kgaola mowa wa dikgosana; o a boitshega mo dikgosing tsa lefatshe.