Psalms 77:1-20 TSW1908 - Bible AI

1Ke tlaa goela kwa Modimong ka lentswe la me; e bong Modimo, ka lentswe la me, mme o tlaa ntshekegela tsebe.

2E rile mo letsatsing la tlalelo ya me ka batla Morena; seatla sa me se ne se otlologile mo bosigong, mme se se ka sa gonega; mowa wa me wa gana go gomotsega.

3Ke gakologelwa Modimo, mme ke tlhobaele; ke itoke, mme mowa wa me o ribegediwe. Sela.

4O tshwarisitse matlho a me go lebela fela; ke tlaletswe thata, ke bile ke retelelwa ke go bua.

5Ke akantse dipaka tsa bogologolo, dinyaga tsa metlha ya bogologolo tala.

6Ke ikgakolola sefela sa me mo bosigong; ke buabue le pelo ya me mme mowa wa me o putle thata.

7“A Morena o tlaa latlhela ruri? A ga a ketla a tlhola a rapelesega gope?

8A boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo etse ruri ka bosakhutleng? A ke go re polelo ya tsholofetso ya gagwe e tlhaelela ruri ka bosaengkae?

9A Modimo o lebetse go nna pelonomi? A o tswaletse mautlwelobotlhoko a one a manamagadi ka bogale?” Sela.

10Mme ke rile: “Mo ke seemere sa me; ke tlaa gakologelwa dinyaga tsa seatla se segolo sa Mogodimodimo.”

11Ke tlaa nna ke umaka ditiro tsa ga Jehofa; gonne ke tlaa gakologelwa dikgakgamatso tsa bogologolo.

12Le gone ke tlaa akanya tiro ya gago yotlhe, ke kanka ka ga tse o di dirang.

13Tsela ya gago Modimo, e mo felong ga boitshepo, e mang yo e leng Modimo o mogolo jaaka wena Modimo?

14Wena o Modimo o o dirang dikgakgamatso; o itsisitse ditšhaba thata ya gago.

15O golotse batho ba gago ka letsogo la gago; bomorwa Jakobe le Josefe. Sela.

16Metsi a ne a go bona, Modimo; metsi a ne a go bona, a boifa; matengteng le one a roroma.

17Maru a na a tsholola metsi; magodimo a ntsha tumo; metswi ya gago le yone ya gasama.

18Kodu ya tumo ya gago ya maru ya nna mo setsuatsueng; dikgadima tsa bonesa lefatshe; lefatshe la roroma la reketla.

19Tsela ya gago e ne e le mo lewatleng, le ditselana tsa gago mo metsing a magolo; metlhala ya gago e ne e sa itsiwe.

20O ne wa goga batho ba gago jaaka letsomane, ka seatla sa ga Moše le Arone.