Psalms 90:1-17 TSW1908 - Bible AI

1Jehofa, o ntse o le boago jwa rona mo tshikatshikeng tsotlhe.

2E rile pele, dithaba di ise di tsalwe, le gone e rile o ise o bope lefatshe le lobopo, fela go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng, wa bo o ntse o le Modimo fela.

3O a tle o bosetse motho kwa tshenyegong, mme o re: “Bowang lona bana ba batho.”

4Gonne mo matlhong a gago dinyaga di le makgolo a le some di ntse jaaka maabane fela fa a fetile, le jaaka tiso ya bosigo fela.

5O a tle o ba tlosetse koo jaaka ekete ka morwalela; ba ntse jaaka boroko fela; e re ka moso boo ba ntse jaaka bojang jo bo golang.

6E re ka moso bo kgabe, bo gole, e re maitsebowa bo segwe mme bo omelele.

7Gonne re nyelediwa mo bogaleng jwa gago, le mo kgalefong ya gago re a tlalelwa.

8O beile maikepo a rona fa pele ga gago, maleo a rona a a fitlhegileng o a beile mo leseding la sefatlhogo sa gago.

9Gonne malatsi otlhe a rona a fetisiwa mo kgalefong ya gago; re swetsa dinyaga tsa rona jaaka polelo e e bolelwang fela.

10Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata; le fa go ntse jalo, boipelafatso jwa one ke tapiso le bohutsana fela, gonne bo ile ka bofefo, mme re fofele koo.

11E mang yo o itseng thata ya bogale jwa gago, le kgalefo ya gago ka fa poifong e e go tshwanetseng?

12Jalo o re rute go bala malatsi a rona, gore re tle re itseele pelo ya botlhale.

13Bowa, Jehofa; e tlaa nna goleele go le kaye? A ko o ikwatlhaye ka ga batlhanka ba gago.

14A ko o re kgorise boutlwelobotlhoko jwa gago go le ka moso, gore re tle re itumele, re ipele ka malatsi otlhe a rona.

15Re ipedise ka fa malatsing a o re utlwisitseng botlhoko ka one, le dinyaga tse re bonyeng bosula mo go tsone.

16A tiro ya gago e bonalele batlhanka ba gago, le kgalalelo ya gago mo baneng ba bone.

17A bontlentle jwa ga Jehofa, Modimo wa rona, bo nne mo go rona; mme o tlhomamise tiro ya diatla tsa rona mo go rona; ee, tiro ya diatla tsa rona o e tlhomamise.